Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

JW LIBRARY

Go Tshwaya Dintlha Le go Di Rulaganya mo iOS

Go Tshwaya Dintlha Le go Di Rulaganya mo iOS

Karolo eno ya JW Library e go thusa go tshwaya fa o badileng gone. Kgatiso nngwe le nngwe e e mo JW Library e na le matshwao a le 10.

Latela ditaelo tseno fa o dirisa karolo eno:

 Tsenya Letshwao le Lesha

O kgona go tshwaya setlhogo, kgaolo, serapa kgotsa temana nngwe ya Baebele.

Fa o batla go tshwaya setlhogo kgotsa kgaolo nngwe, tobetsa letshwao leno. Go tla tlhaga dikgatiso tse o setseng o di tshwaile. Fa o batla go tsenya letshwao mo kgatisong e o e butseng, tobetsa letshwao le go se nang kgatiso epe mo go lone mme ntlha e o e balang e tla tsena mo letshwaong leo.

Fa o batla go tshwaya serapa kgotsa temana nngwe ya Baebele, simolola ka go tobetsa mafoko, go tswa foo, tobetsa letshwao leno.

 Ya Kwa Dilong Tse o di Tshwaileng

Fa o batla go ya kwa dilong tse o di tshwaileng, bula kgatiso e o e tshwaileng, go tswa foo, tobetsa letshwao le le fa godimo mme go tla tlhaga dilo tsotlhe tse o di tshwaileng. Tlhopha e o e batlang.

 Rulaganya Dilo Tse o di Tshwaileng

O kgona go ntsha ntlha e o setseng o e tshwaile kgotsa o kgona go tsenya e nngwe mo boemong jwa yone.

  • Fa o batla go ntsha ntlha e o e tshwaileng, ya kwa dintlheng tsotlhe tse o di tshwaileng o bo o tobetsa e o batlang go e ntsha. Go tswa foo, swaepela monwana ka fa molemeng o bo o tobetsa letshwao la dustin.

  • Fa o batla go ntsha ntlha o bo o tsenya e nngwe, ya kwa dintlheng tsotlhe tse o di tshwaileng o bo o tobetsa e o batlang go e ntsha. Go tswa foo, swaepela monwana ka fa molemeng o bo o tobetsa letshwao le le gaufi le letshwao la dustbin. O kgona go dira seno fa o ntse o bala. Ka sekai, o kgona go bona gore o tsamaya kae ka mmalo wa Baebele.

Diphetogo tseno di ile tsa gololwa ka May 2014 mo JW Library 1.2, mme di bereka mo didirisiweng tsa iOS 6.0 kgotsa tse di tlileng morago ga yone. Fa di sa tlhagelele mo sedirisiweng sa gago, tsweetswee latela ditaelo tse di mo setlhogong se se reng “Simolola go Dirisa JW Library mo Didirisiweng Tsa Apple (iOS)” mo karolong e e reng Get the Latest Features.