Fetela kwa tshedimosetsong

Dikolotsana Tsa Dibuka di ya “Kwa Mafelong a go Ikhutsa” Kwa Jeremane

Dikolotsana Tsa Dibuka di ya “Kwa Mafelong a go Ikhutsa” Kwa Jeremane

Mo ditoropong tse dikgolo, batho ba ba fetang ka tsela ba setse ba tlwaetse go bona Basupi ba ga Jehofa ba eme ka dikolotsana tse di nang le dibuka le diboroutšhara tsa Baebele. Ka sekai, Basupi ba kwa Jeremane ba ile ba baya dikolotsana tseno kwa Berlin, Cologne, Hamburg, Munich le kwa ditoropong tse dingwe tse dikgolo.

A dikolotsana tseno di tla nna le diphelelo tse di molemo fa di ka bewa kwa ditoropong tse dinnye tse bajanala ba ratang go ya kwa go tsone kwa Jeremane? A batho ba tla ya kwa go tsone fa re di beile kwa mafelong a bajanala, kwa metsaneng le kwa ditlhaketlhakeng tse di kwa Baltic? Go araba dipotso tseo, ofisi ya Basupi ba ga Jehofa ya kwa Central Europe e ile ya rulaganya letsholo le le kgethegileng ka 2016. Go tloga ka May go fitlha ka October, Basupi ba ka nna 800 ba ba dirisang dikolotsana mo ditoropong tse dikgolo, go akaretsa le ba ba tswang kgakala kwa Vienna kwa Austria, ba ile ba baya dikolotsana tseno mo mafelong a ka nna 60 kwa Jeremane.

“Ba ne Ba Setse ba re Tlwaetse”

Basupi ba ile ba amogelwa ka diatla tsoopedi. Mongwe wa bone a re: “Batho ba ne ba di rata. Ba ne ba le botsalano, ba di kgatlhegela e bile ba batla go bua le rona.” Heidi yo o ileng a ya go rera kwa toropong ya Plön a re: “Morago ga malatsi a le mmalwa, batho ba ne ba setse ba re tlwaetse. Ba ba re itseng ba ne ba re dumedisa fa ba re bona.” Monna mongwe yo o sa kgoneng go bua o ne a ba raya a re: “Gongwe le gongwe kwa re yang gone, lo teng!” Ene le ditsala tsa gagwe ba le bone ba sa kgoneng go bua ba ne ba tswa kwa toropong e nngwe mme fa ba le koo ba ile ba kopana le Basupi ba ga Jehofa.

Baagi bangwe ba ile ba thusa Basupi ba ga Jehofa. Kwa setlhaketlhakeng sa Wangerooge, lepodise le ile la bolelela Basupi gore ba ye kae fa ba batla go bua le batho ba bantsi. Kwa toropong ya Waren an der Müritz, kapotene wa sekepe se se neng se tsamaisa bajanala o ne a ba bontsha mafelo a mantle mme fa a feta fa kolotsaneng ya rona, o ile a ba raya a re: “Fa o ya kwa go yone, ba tla go ruta ka Modimo.” Bajanala ba le mmalwa ba ile ba ya kwa dikolotsaneng.

Batho ba le bantsi ba ne ba rata diboroutšhara tseno tse tharo:

  • A Ruriruri Modimo o Amega ka Rona? Mojanala mongwe o ne a re: “Ke lobaka ke ipotsa potso eno. Jaanong ke tla ipha nako ya go bala gore ke itse karabo ya yone.”

  • Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong! Monnamogolo mongwe o ne a bolelela Basupi a re ene ga a tlhole a tshepa dikereke. Basupi ba ile ba mo thusa go lemoga gore Modimo ke ene fela yo o kgonang go rarabolola mathata a rona. O ile a tsaya boroutšhara joo mme a ba solofetsa gore o tla bo bala.

  • Se ke Se Ithutang mo Baebeleng. Rre mongwe o ne a letla ngwana wa gagwe wa mosetsana gore a tseye boroutšhara jono jo bo kwaletsweng bana. Mme ene o ne a tsaya Buka Ya me Ya Dipolelo Tsa Baebele a bo a re: “Eno e tla thusa lelapa la me.”

Batho ba ile ba tsaya dikgatiso di feta 3 600. Ba le mmalwa ba ile ba kopa go etelwa gore ba tswelele ka motlotlo wa bone.

Basupi ba ba ileng ba tsaya karolo mo letsholong leno ba ne ba itumetse tota. Jörg le mosadi wa gagwe e bong Marina ba ile ba ya kwa lefelong lengwe le le gaufi le Noka ya Baltic. Ba re: “Go ne go le monate tota. Re ne re itumelela go bona popo ya Modimo le go bua le batho ka ene.” Lukas yo o nang le dingwaga di le 17 a re: “Go ne go le monate! Ke ne ke itumeletse go ya kwa lefelong leo le go ruta batho sengwe sa botlhokwa.”