Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Baebele e ka Nthusa Jang?—Karolo 2: Dira Gore go Bala Baebele go Nne Monate

Baebele e ka Nthusa Jang?—Karolo 2: Dira Gore go Bala Baebele go Nne Monate

 Mosha mongwe yo o bidiwang Will a re: “Fa o sa bale Baebele sentle, ga o ka ke wa itumelela go e bala.”

 A o ka rata go itse gore ke eng se se ka go thusa go itumelela go bala Baebele? Setlhogo seno sa ka go thusa.

 Bala ditiragalo tsa Baebele jaaka e kete o a di bona

 Ipone o na le seabe mo ditiragalong tse o balang ka tsone. O ka dira jaana:

  1.   Tlhopha pego ya Baebele e o ka ratang go bala ka yone. O ka bala ka tiragalo nngwe e e mo Baebeleng, ka botshelo jwa ga Jesu kgotsa wa dirisa diterama tsa mmalo wa Baebele tse di mo jw.org.

  2.   Bala pego eo. O ka ipalela yone o le nosi kgotsa o ka e bala le ditsala tsa gago le ba bangwe mo lapeng. Yo mongwe a ka anela pego eno fa ba bangwe bone e nna badiragatsi.

  3.   Leka dikakantsho tse di latelang:

    •   Torowa ditshwantsho tsa pego eo. Tlhalosa se se diragalang mo setshwantshong sengwe le sengwe.

    •   Torowa ditaekerama. Ka sekai, fa o bala ka motho yo o ikanyegang, amanya dinonofo tsa motho yoo le ditiro tsa gagwe le ditshegofatso tse a di boneng.

    •   Tlhopha pego e e rileng, mme o e bale jaaka pego ya dikgang. Bega tiragalo eo e kete o botsolotsa batho ba ba farologaneng le batho ba ba boneng se se diragetseng.

    •   Fa o bala ka mongwe yo o ileng a dira tshwetso e e sa siamang mo Baebeleng, akanya gore fa a ka bo a dirile tshwetso e e siameng go ka bo go feletse jang. Ka sekai, akanya ka nako ya fa Petere a ne a itatola Jesu. (Mareko 14:66-72) Ke eng se Petere a ka bo a se dirile gore a se ka a feleletsa a itatotse Jesu?

    •   Fa o le motho yo ratang go kwala, gongwe o ka ikwalela terama ya Baebele le se o ka se ithutang mo terameng eo.—Baroma 15:4.

      O ka kgona go dira gore go bala Baebele go nne monate!

 Dira dipatlisiso!

 Fa o dira dipatlisiso ka se o se balang o ka ithuta dilo di le dintsi go tswa mo pegong eo. Tota e bile go tlhokega lefoko le lengwe kgotsa a a mabedi go go ruta sengwe sa botlhokwa.

 Ka sekai, bapisa pego e e mo go Mathaio 28:7 le e e mo go Mareko 16:7.

  •    Goreng Mareko mo pegong ya gagwe a ne a re Jesu o tla bonala kwa barutweng ba gagwe “le Petere”?

  •  Ntlha e e ka thusang: Go lebega Mareko a boleletswe ke Petere ka gonne o ne a seyo fa dilo tseno di direga.

  •  Matlotlo a a fitlhegileng: Ke eng fa Petere a ile a kgothadiwa ke go utlwa gore Jesu o batla go mmona gape? (Mareko 14:66-72) Jesu o bontshitse jang gore Petere ke tsala ya gagwe? O ka etsa Jesu jang ka go nna tsala mo go ba bangwe?

 Fa o dira gore Dikwalo di nne le botshelo e bile o dira dipatlisiso o tla itumelela go bala Baebele!