Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Ke Dire Eng fa Batho Bangwe ba sa Nkamogele Jaaka ke Ntse?

Ke Dire Eng fa Batho Bangwe ba sa Nkamogele Jaaka ke Ntse?

 “O tshwanetse go tshwana le bone, go seng jalo ga o kitla o itumelela botshelo e bile go o tla iphitlhela o le nosi ka gonne o se na ditsala. Ga go na ope yo o tla nnang a akanya ka wena e bile o tla jewa ke bodutu.”—Carl.

 A mosha yono o feteletsa dilo? Go ka lebega jalo. Mme gone basha ba le bantsi ba ikutlwa jalo. Batho ba le bantsi ba ka dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba se ka ba iphitlhela ba le mo seemong se Carl a buileng ka sone. A le wena o ka dira jalo? Setlhogo seno se tla go bontsha gore o ka dira ditsala jang.

 Goreng batho bangwe ba leka go itira se ba seng sone?

  •   Ka gonne ga ba batle go kgaphelwa kwa thoko. “Ke bone dinepe tsa basha ba ba neng ba ile go ja monate ba ntlogetse mo social media. Seo se ne sa nkutlwisa botlhoko, ke bo ke akanya gore ga ba nthate le gore ga ba batle go itsalanya le nna.”—Natalie.

     SE O KA AKANYANG KA SONE: A o kile wa ikutlwa e kete setlhopha sengwe sa batho ga se batle go itsalanya le wena? A o ne wa leka go dira sengwe kgotsa go fetola tsela e o leng ka yone gore fela ba kgone go go amogela? O ne wa dira eng?

  •   Ka gonne ga ba batle go farologana le ba bangwe. Batsadi ba me ga ba batle ke nna le founo. Fa bana ba ke tsenang sekolo le bone ba kopa dinomoro tsa me, ke bo ke ba bolelela gore ga ke na founo, ba nthaya ba re: ‘Wa reng? Kante o na le dingwaga di le kae?’ Fa ke ba raya ke re ke na le dingwaga di le 13 ba tla bo ba nteba ba bo ba nkutlwela botlhoko.”—Mary.

     SE O KA AKANYANA KA SONE: Ke dithibelo di fe tse batsadi ba gago ba go beetseng tsone, tse di dirang gore o ikutlwe o farologane le bana ba bangwe? A o a di ikobela?

  •   Ka gonne ba sa batle go kgerisiwa. “Bana ba ke tsenang sekolo le bone ga ba rate batho ba ba itshwara ka tsela e e sa tshwaneng le ya bone, ba ba buang ka tsela e e farologaneng tota le ba ditumelo tse di sa tshwaneng le tsa bone. Batho ba le bantsi ba a lemoga fa o sa dire dilo ka tsela e e tshwanang le ya bone, ba bo ba go kgerisa.”—Olivia.

     SE O KA AKANYANG KA SONE: A batho bangwe ba kile ga se go tshware sentle ka gonne o sa tshwane le bone? O ne wa itshwara jang?

  •   Ka gonne ga ba batle go latlhegelwa ke ditsala tsa bone. “Ke ne ke leka go nna jaaka batho ba ke itsalanyang le bone. Ke ne ke bua jaaka bone. Ke tshega, le fa se ba buang se sa tshegise. Fa ke bona bana ba bangwe ba dira metlae ka yo mongwe, ke tla bo ke tlatsa le fa gone ke itse gore seo se ka mo utlwisa botlhoko.”—Rachel.

     SE O KA AKANYANG KA SONE: A go botlhokwa thata mo go wena gore balekane ba gago ba go amogele? A o kile wa leka go fetola botho jwa gago gore fela ba kgone go go amogela?

 Se o tshwanetseng go se itse

  •   Fa o leka go itira se o seng sone, gore fela balekane ba gago ba kgone go go amogela, seo se ka dira gore ba se ka ba go rata. Goreng? Ka gonne batho ba kgona go lemoga fa o itira se o seng sone. Brian yo o nang le dingwaga di le 20 a re: “Fa ke ne ke leka go itira se ke seng sone, bana ba ke tsenang sekolo le bone ba ne ba sa nthate. Ke lemogile gore fa o leka go itira se o seng sone batho ba kgona go lemoga.”

     TSELA E E BOTOKA: Akanya ka dilo tsa botlhokwa. Baebele ya re: “Lo tlhomamise dilo tse di botlhokwa thata.” (Bafilipi 1:10) A ko o ipotse, ‘Ke eng se se botlhokwa—gore o fetole se o leng sone, gore batho ba kgone go go amogela kgotsa gore o nne se o leng sone?’

     “Go leka go itira se o seng sone, ga go ka ke ga go solegela molemo. Ga go ka ke ga dira gore batho ba go rate, gape ga go ka ke ga dira gore o nne le seriti.”—James.

  •   Go batla go amogelwa ke batho, go ka dira gore o se ka wa ba bontsha botho jwa gago. Go ka dira gore o batle go itumedisa batho ba bangwe ka go dira dilo tse bone ba di batlang. Mosha mongwe yo o bidiwang Jeremy a re: “Nkile ka bo ke dira sengwe le sengwe fela gore ke kgone go tshwana le batho ba bangwe, le fa seo se ne se raya gore leina la me le tla gogwa gogwa mo seretseng. Seo se ne se dira gore batho ba bangwe ba ntaole. Ke ne ke utlwa fela ka bone.”

     TSELA E E BOTOKA: Itse se se siameng mme o se dire, o se ka wa fetofetoga jaaka lebodu fa o bona batho. Go na le lebaka le le utlwalang la go bo Baebele e re: “O se ka wa supa mo tshekong ka go faposiwa ke bontsi, go sokamisa tshiamo.”—Exodus 23:2, Tswana Central.

     “Ke lekile go rata dilo tse ba di ratang—mmino, metshameko ya bone, diaparo, dilo tse ba di lebelelang le dilo tse ba di itshasang. Tota ke lekile go nna jaaka bone. Ke akanya gore ba ne ba kgona go lemoga gore ke itira se ke seng sone. Ke akanya gore mongwe le mongwe o ne a lemoga, tota le nna ke ne ke itse. Kwa bofelong ke ne ke utlwile botlhoko, ke hutsafetse, ke sa tlhole ke itlhaloganya. Ke ne ke sa ikitse. Ke ithutile gore ga go kgonege go nna tsala ya mongwe le mongwe le gore ga se mongwe le mongwe yo o tla go ratang. Gopola gore go gola go fitlha o itlhaloganya le go nna le ditsala go tsaya nako.”—Melinda.

  •   Go leka go amogelwa ke batho go ka ama tsela e o itshwarang ka yone. Mosha mongwe yo o bidiwang Chris o ne a iponela fa seo se diragalela ntsalae. A re: “O ne a simolola go dira dilo tse tota a neng a ka se di dire—jaaka go dirisa diritibatsi—gore fela ditsala tsa gagwe di mo amogele. Di ne tsa mo tshwakgola thata jaana mo di batlileng di mmolaya.”

     TSELA E E BOTOKA: Tila go itsalanya le batho ba ba buang e bile ba dira dilo tse di sa siamang. Baebele ya re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.”—Diane 13:20.

     “Ka dinako dingwe go botlhokwa go dira maiteko a go itsalanya le batho ba bangwe, fa seo se sa dire gore o dire dilo tse o itseng sentle gore ga di a siama. Batho ba ba batlang go nna ditsala tsa gago ba tla go amogela fela jaaka o ntse.”—Melanie

     Kakantsho: Fa o leka go nna le ditsala, o se ka wa tlhopha fela batho ba ba ratang dilo tse o di ratang. Batla batho ba ba ratang Jehofa jaaka wena, ba ba nonofileng mo tumelong, ba itshwara sentle e bile ba dumela dilo tse o di dumelang.

    Diaparo dingwe di ka se go tshwanele. Ka tsela e e tshwanang, go tsalanya le batho bangwe go ka se go solegele molemo.