Fetela kwa tshedimosetsong

O ka Fenya go Boifa Loso Jang?

O ka Fenya go Boifa Loso Jang?

Karabo ya Baebele

Re dira sentle fa re boifa loso jaaka mmaba re bo re dira se re ka se kgonang go itshireletsa. (1 Bakorintha 15:26) Le fa go ntse jalo, go boifa loso mo go theilweng mo maakeng kgotsa mo tumelobotlhoding go dira gore batho ba nne mo “botlhankeng botshelo jotlhe jwa bone.” (Bahebera 2:15) Go itse boammaaruri go tla dira gore o se ka wa boifa loso ka tsela e e feteletseng, e leng poifo e e ka dirang gore o se ka wa itumelela botshelo.—Johane 8:32.

Boammaaruri ka loso

  • Baswi ga ba itse sepe. (Pesalema 146:4) Ga o a tshwanela go boifa gore o tla utlwa botlhoko kgotsa gore o tla utlwisiwa botlhoko fa o sena go swa ka gonne Baebele e tshwantsha loso le boroko.—Pesalema 13:3; Johane 11:11-14.

  • Baswi ba ka se re utlwise botlhoko. Tota le baba ba ba neng ba le kotsi ga ba na “maatla mo losong.” (Diane 21:16) Baebele ya re “letlhoo la bone le lefufa la bone di setse di nyeletse.”—Moreri 9:6.

  • Fa re swa, seo ga se reye gore go fedile gotlhelele ka rona. Modimo o tla tsosa batho ba ba suleng.—Johane 5:28, 29; Ditiro 24:15.

  • Modimo o re solofetsa gore go tla nna le nako e ka yone ‘loso lo tla bong lo seyo.’ (Tshenolo 21:4) Fa Baebele e bua ka nako eo ya re: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng,” ba sa boife gore ba tla swa.—Pesalema 37:29.