Dipesalema 37:1-40

  • Ba ba ikanyang Jehofa ba tla atlega

    • O se ka wa galefisiwa ke batho ba ba bosula (1)

    • “Jehofa o tla go tlisetsa boitumelo jo bogolo” (4)

    • “Itsise Jehofa tsela ya gago” (5)

    • “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe” (11)

    • Basiami ga ba kitla ba tlhoka dijo (25)

    • Basiami ba tla tshelela ruri mo lefatsheng (29)

Pesalema ya ga Dafide. א [Aleph] 37  O se ka wa galefa ka ntlha ya batho ba ba bosula. Kgotsa wa tswela pelo ba ba dirang se se sa siamang.+   Ba tla swaba ka bonako jaaka bojang+E bile ba tla omelela jaaka bojang jo bosha jo botala. ב [Beth]   Ikanye Jehofa mme o dire se se molemo;+Aga mo lefatsheng,* mme o dire ka boikanyegi.+   Jehofa o tla go tlisetsa boitumelo jo bogolo,E bile o tla go naya dilo tse o di eletsang. ג [Gimel]   Itsise Jehofa tsela ya gago;*+Mo ikanye, mme o tla go thusa.+   O tla dira gore tshiamo ya gago e phatsime jaaka letsatsi fa le tlhaba,Le tshiamiso ya gago gore e nne jaaka letsatsi go le sethoboloko. ד [Daleth]   Leta Jehofa o le pelotelele+Mo letele mme o bone gore o tla dira eng. O se ka wa galefisiwa ke mothoYo o kgonang go diragatsa maano a gagwe.+ ה [He]   Tlogela bogale mme o lese go shakgala;+O se ka wa tenega o bo o dira bosula.*   Gonne batho ba ba bosula ba tla fedisiwa,+Mme ba ba solofetseng mo go Jehofa ba tla rua lefatshe.+ ו [Waw] 10  Go ise go ye kae, batho ba ba bosula ba tla bo ba sa tlhole ba le teng;+O tla sekaseka kwa ba neng ba le gone,Mme ba tla bo ba seyo.+ 11  Le fa go ntse jalo, ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe,+Mme ba tla tshela ka boitumelo go rena kagiso.+ ז [Zayin] 12  Modirabosula o logela mosiami leano;+O a galefa* fa a mmona. 13  Mme Jehofa o tla mo tshega,Gonne o a itse gore letsatsi la gagwe le tla tla.+ ח [Heth] 14  Batho ba ba bosula ba somola tšhaka e bile mongwe le mongwe wa bone o gagamatsa bora jwa gagweGore a dige ba ba bogisiwang le bahumanegi,Gore a bolaye ba ba dirang se se siameng. 15  Le fa go ntse jalo, tšhaka ya bone e tla phunyeletsa pelo ya bone;+Bora jwa mongwe le mongwe wa bone bo tla robagana. ט [Teth] 16  Bonnye jo mosiami a nang le jone bo botokaGo gaisa letlotlo la batho ba bantsi ba ba bosula.+ 17  Gonne maatla a batho ba ba bosula a tla tsewa,Mme Jehofa o tla tshegetsa basiami. י [Yod] 18  Jehofa o lemoga se se diragalelang ba ba se nang molato,*Mme boswa jwa bone bo tla nnela ruri.+ 19  Ga ba kitla ba tlhabiwa ke ditlhong ka nako ya masetlapelo;Ka nako ya leuba ba tla nna le mo gontsi. כ [Kaph] 20  Le fa go ntse jalo, batho ba ba bosula ba tla fedisiwa;+Baba ba ga Jehofa ba tla nyelela jaaka mafulo a mantle;Ba tla nyelela jaaka mosi. ל [Lamed] 21  Motho yo o bosula o a adima mme ga a duele,Mme mosiami o pelotshweu* e bile o a aba.+ 22  Ba Modimo a ba segofatsang ba tla nna mo lefatsheng,Mme ba a ba hutsang ba tla fedisiwa.+ מ [Mem] 23  Jehofa o kaela* dikgato tsa motho+Fa a itumelela tsela ya motho yoo.+ 24  Le fa a ka kgopiwa, ga a kitla a pirigana fa fatshe,+Gonne Jehofa o mo tshegetsa ka seatla.*+ נ [Nun] 25  Nkile ka bo ke le monnye mme jaanong ke tsofetse,Le fa go ntse jalo, ga ke ise ke bone ope yo o siameng a latlhilwe,+Kgotsa bana ba gagwe ba tlhoka dijo.*+ 26  Ka metlha o adima ba bangwe ka bopelotshweu,+Mme bana ba gagwe ba tla segofadiwa. ס [Samekh] 27  Tlogela bosula mme o dire se se molemo,+Mme o tla nna ka bosakhutleng. 28  Gonne Jehofa o rata tshiamiso,Mme ga a kitla a latlha batho ba gagwe ba ba ikanyegang.+ ע [Ayin] Ba tla nna ba disitswe ka metlha;+Mme ditlogolwana tsa batho ba ba bosula di tla fedisiwa.+ 29  Basiami ba tla rua lefatshe,+Mme ba tla nna mo go lone ka bosakhutleng.+ פ [Pe] 30  Molomo wa mosiami o ntsha botlhale,*Mme loleme lwa gagwe lo bua ka tshiamiso.+ 31  Molao wa Modimo wa gagwe o mo pelong ya gagwe;+Dikgato tsa gagwe ga di na go reketla.+ צ [Tsade] 32  Modirabosula o nna a lebile mosiami,A batla go mmolaya. 33  Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a kitla a mo tsenya mo seatleng sa ene yoo+Kgotsa a mmona molato fa a atlholwa.+ ק [Qoph] 34  Solofela mo go Jehofa mme o latele tsela ya gagwe,Mme o tla go godisa gore o rue lefatshe. Fa batho ba ba bosula ba fedisiwa,+ o tla bona seo.+ ר [Resh] 35  Ke bone motho yo o setlhogo, yo o bosulaA anama jaaka setlhare se segolo se se mo mmung o o nonneng.+ 36  Le fa go ntse jalo, ka tshoganyetso fela o ne a nyelela a bo a sa tlhole a le teng;+Ke ne ka nna ka mmatla, mme ka se ka ka mmona.+ ש [Shin] 37  Ela tlhoko motho yo o se nang molato,*Mme o nne o lebile motho yo o siameng,+Gonne motho yoo o tla tshela ka kagiso mo nakong e e tlang.+ 38  Mme batho botlhe ba ba tlolang molao wa Modimo ba tla senngwa;Batho ba ba bosula ba tla fedisiwa.+ ת [Taw] 39  Jehofa ke ene a bolokang basiami;+Ke kago ya bone ya phemelo mo motlheng wa matshwenyego.+ 40  Jehofa o tla ba thusa a bo a ba golola.+ O tla ba golola mo bathong ba ba bosula a bo a ba boloka,Ka gonne ba tshabetse mo go ene.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “mo nageng.”
Seheb., “Pitikela tsela ya gago mo go Jehofa.”
Kgotsa gongwe “O se ka wa galefa ka gonne seo se ka felela ka mathata.”
Seheb., “O phuranya meno.”
Seheb., “o lemoga malatsi a ba ba se nang molato.”
Kgotsa “o utlwela ba bangwe botlhoko.”
Kgotsa “tlhomamisa; tsepamisa.”
Kgotsa “ka seatla sa Gagwe.”
Seheb., “senkgwe.”
Kgotsa “o bua botlhale ka lentswe le le kwa tlase.”
Kgotsa “motho yo o nnang a thokgame.”