Fetela kwa tshedimosetsong

Bolwetse Jwa Anemia, bo Bakiwa ke Eng, Matshwao a Jone ke Afe, O ka Bo Lwantsha Jang?

Bolwetse Jwa Anemia, bo Bakiwa ke Eng, Matshwao a Jone ke Afe, O ka Bo Lwantsha Jang?

Beth a re: “Ke ile ka tshwarwa ke anemia fa ke sa ntse ke le mosha. Ke ne ke na le letsapa le le tseneletseng, ke lapa ka bonako, marapo a me a le botlhoko e bile go le thata go tlhoma mogopolo. Ngaka ya me e ne ya nnaya dipilisi tse di dirang gore ke nne le iron mo mmeleng. Ke ne ka di nwa, ke bo ke simolola go ja sentle. Go ise go ye kae, ke ne ka ikutlwa botoka.”

Bolwetse jono jwa ga Beth bo tlwaelegile. Go ya ka Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo (WHO), diperesente di ka nna 30 kgotsa batho ba le dibilione di le pedi, ba na le bolwetse jwa anemia. Mo dinageng tse dingwe, go fopholediwa gore diperesente di le 50 tsa bommê ba ba imileng, le diperesente di le 40 tsa bana ba ba nang le dingwaga di le tharo go ya go di le tlhano ba na le bolwetse jwa anemia.

Bolwetse jono bo kotsi. Bo ka dira gore pelo e se ka ya bereka sentle kgotsa jwa e emisa. Go ya ka pego ya WHO “diperesente di le 20 tsa bommê ba ba imileng, ba bolawa ke anemia.” Bommê ba ba tlhaelang iron mo mmeleng ba tshola bana pele ga nako e bile ba le bannye thata. Bana ba ba nang le anemia ba gola ka bonya e bile ba tshabelelwa ke malwetse. Anemia e e bakiwang ke go tlhaela iron mo mmeleng e kgona go alafiwa. *

Bolwetse Jwa Anemia ke Eng?

Anemia ke bolwetse jo bo alafegang. Batho ba ba nang le bolwetse jwa anemia ba tlhaela disele tse dikhibidu. Seno se bakiwa ke mabaka a a farologaneng. Baitsesaense ba lemogile gore go na le malwetse a le 400 a anemia! Bolwetse jono bo ka go tsena ka nakwana bo sa go gatelela, kgotsa bo ka go gatelela bo bo bo nnela ruri.

Bolwetse Jwa Anemia bo Bakiwa ke Eng?

Bo bakiwa ke dilo di le tharo:

  • Go latlhegelwa ke madi a mantsi mo go fokotsang disele tse dikhibidu mo mmeleng.

  • Mmele ga o kgone go dira disele tse dikhibidu tse di lekaneng.

  • Mmele o bolaya disele tse dikhibidu.

Bolwetse jwa anemia jo bo bakiwang ke go tlhaela iron ke jone jo bo anameng go feta malwetse a mangwe a anemia. Fa mmele o se na iron e e lekaneng, ga o kgone go nna le hemoglobin e e lekaneng e e fitlhelwang mo diseleng tse dikhibidu, tse di isang okosejene mo mmeleng.

O ka Lemoga Jang Matshwao a Anemia e e Bakiwang ke go Tlhaela Iron?

Kwa tshimologong, o ka nna wa se ka wa lemoga gore bolwetse jono bo go tshwere. Ano ke matshwao a bolwetse jwa anemia jo bo bakiwang ke go tlhaela iron:

  • Letsapa le le tseneletseng

  • Matsogo le maoto a a tsididi

  • Go nna bokoa

  • Letlalo le le phaphaletseng

  • Go opiwa ke tlhogo le go tsewa ke sedidi

  • Ditlhabi mo sehubeng, pelo e e iteelang ka bonako le go hupelwa

  • Go thubega dinala

  • Go sa nne le keletso ya dijo, segolobogolo masea le bana

  • Go eletsa go ja aese, dijo tse di nang le starch jaaka papa kgotsa go ja mmu

E ka Tshwara Bomang?

Bommê ke bone ba gantsi ba ka tshwarwang ke bolwetse jono jwa anemia jo bo bakiwang ke go tlhaela iron, ka gonne ba latlhegelwa ke madi a mantsi fa ba bona kgwedi. Bommê ba baimana le bone ba ka nna mo kotsing fa ba sa je dijo tse di nang le folate, kgotsa folic acid, e leng B vitamin.

Masea a a tshotsweng pele ga nako, e bile a le mannye thata a a sa kgoneng go bona iron mo mashing a letsele kgotsa mo dijong tsa bana.

Bana ba ba sa jeng dijo tse di farologaneng tse di nang le dikotla.

Batho ba ba sa jeng nama mme ba ja dijo tse di nang le iron e nnye.

Batho ba ba nang le malwetse a a sa foleng, jaaka malwetse a madi, kankere, diphilo, di-ulcer le a mangwe.

Kafa o ka Lwantshang Bolwetse Jwa Anemia ka Gone

Ga se malwetse otlhe a anemia a a ka thibelwang kgotsa a a ka alafegang. Mme a a bakiwang ke go tlhaela iron kgotsa dikotla tse dingwe a ka alafiwa ka go ja dijo tse di nang le dikotla tse di latelang:

Iron. E fitlhelwa mo nameng, mo dilenteleng le mo merogong. * Gape go apaya ka dipitsa tse di dirilweng ka iron go ka thusa ka gonne dipatlisiso di bontsha gore dipitsa tseo di thusa go oketsa iron e e mo dijong.

Folate. E fitlhelwa mo maungong, mo merogong, mo tšhising, mo maeng, mo dinaweng le mo matonkomaneng. Gape e fitlhelwa mo dijong tse di dirilweng ka dijo tsa ditlhaka tse di jaaka borotho, pasta, raese le cereal. Mofuta o mongwe wa folate o o itiretsweng o bidiwa folic acid.

Vitamin B-12. E fitlhelwa mo nameng, mo dijong tse di dirilweng ka mashi, di-cereal le dijo tse di dirilweng ka dinawa.

Vitamin C. E fitlhelwa mo maungong a a nang le matute, di-juice, di-pepper, broccoli, ditamati, magapu le di-strawberry. Dijo tse di nang le vitamin C di thusa mmele go monya iron.

Dijo di farologana go ya ka mafelo. Batlisisa gore ke dijo dife tse di nang le dikotla mo lefelong la lona. Seo se botlhokwa thata mo go bommê, segolobogolo ba ba imileng kgotsa ba ba batlang go nna le bana. Fa o tlhokomela botsogo jwa gago, o ka thusa gore ngwana wa gago a tsholwe a se na anemia. *

^ ser. 4 Tshedimosetso e e mo setlhogong seno e e ka ga dijo le dintlha tse dingwe tse di amanang le anemia e tswa mo Mayo Clinic le mo The Gale Encyclopedia of Nursing and Allied Health. Ya ngakeng fa o belaela gore o ka tswa o na le bolwetse jwa anemia.

^ ser. 32 O se ka wa nwa dipilisi tsa iron, kgotsa wa di naya ngwana wa gago o sa bua le ngaka pele. Iron e ntsi e ka koafatsa sebete kgotsa ya baka mathata a mangwe.

^ ser. 36 Ka dinako tse dingwe, dingaka di alafa batho ba ba tshwerweng ke anemia ka go ba tshela madi, e leng mofuta wa kalafi e Basupi ba ga Jehofa ba sa e amogeleng.—Ditiro 15:28, 29.