Dipesalema 103:1-22

  • “Mma ke bake Jehofa”

    • Modimo o baya maleo a rona kgakala (12)

    • Kutlwelobotlhoko ya Modimo e e tshwanang le ya ga rre (13)

    • Modimo o gakologelwa gore re lorole (14)

    • Setulo sa bogosi sa ga Jehofa le bogosi jwa gagwe (19)

    • Baengele ba diragatsa lefoko la Modimo (20)

Pesalema ya ga Dafide. 103  Mma ke bake Jehofa;A sengwe le sengwe se se mo teng ga me se bake leina la gagwe le le boitshepo.   Mma ke bake Jehofa;E kete le ka motlha nka se lebale dilo tsotlhe tse a di dirileng.+   O itshwarela maleo otlhe a gago+E bile o fodisa malwetse otlhe a gago;+   O ntsha botshelo jwa gago mo lebitleng+A bo a go rwesa serwalo sa lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng le kutlwelobotlhoko.+   O go kgotsofatsa ka dilo tse di molemo+ botshelo jotlhe jwa gago,Gore o nne o ntse o le mosha jaaka ntsu.+   Jehofa o direla botlhe ba ba gatelelwang+Tshiamo+ le tshiamiso.   O ne a itsise Moshe ditsela tsa gagwe,+A itsise Baiseraele ditiro tsa gagwe.+   Jehofa o kutlwelobotlhoko e bile o pelotlhomogi,*+Ga a galefe ka bonako e bile o na le lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng.*+   Ga a kitla a nna a akantse ka diphoso tsa rona,+E bile ga a kitla a nna a kgopisegile ka bosakhutleng.+ 10  Ga a dirisana le rona go ya ka maleo a rona,+E bile ga a re duela ka se se tshwanelang melato ya rona.+ 11  Gonne fela jaaka magodimo a le kwa godimo go feta lefatshe,Lorato lwa gagwe lo lo sa kgaotseng le lone lo logolo mo go ba ba mmoifang.+ 12  Fela jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi,O beile maleo a rona kgakala le rona fela jalo.+ 13  Fela jaaka rre a bontsha bomorwawe kutlwelobotlhoko,Jehofa o bontshitse ba ba mmoifang kutlwelobotlhoko.+ 14  Gonne o itse sentle gore re bopegile jang,+O gakologelwa gore re lorole.+ 15  Fa e le motho ene, malatsi a gagwe a tshwana le a bojang;+O thunya jaaka lelômô* la naga.+ 16  Mme fa phefo e foka, le a nyelela,Jaaka e kete ga le ise le ko le nne teng.* 17  Le fa go ntse jalo, lorato lwa ga Jehofa lo lo sa kgaotseng ke lwa bosakhutleng*Mo go ba ba mmoifang,+Le tshiamo ya gagwe ke ya bosakhutleng mo ditlogolwaneng tsa bone,+ 18  Mo go ba ba bolokang kgolagano ya gagwe+Le ba ba ikemiseditseng go boloka ditaelo tsa gagwe. 19  Setulo sa bogosi sa ga Jehofa se nnetse ruri kwa magodimong;+Mme bogosi jwa gagwe bo busa sengwe le sengwe.+ 20  Bakang Jehofa, lona baengele ba gagwe+ ba ba maatla,Ba lo diragatsang lefoko la gagwe,+ lo ikobela lentswe la gagwe.* 21  Bakang Jehofa, lona masomosomo otlhe a gagwe,+Lona badiredi ba gagwe ba ba dirang thato ya gagwe.+ 22  Bakang Jehofa, lona lotlhe ditiro tsa gagwe,Mo mafelong otlhe a a a busang.* Mma ke bake Jehofa ka pelo ya me yotlhe.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “pelontle.”
Kgotsa “bopelonomi jwa lorato.”
Kgotsa “sethunya.”
Seheb., “Mme lefelo la lone ga le tlhole le le itse.”
Kgotsa “ke lwa go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng.”
Seheb., “lo utlwa lentswe (modumo) la lefoko la gagwe.”
Kgotsa “Mo mafelong a bolaodi jwa gagwe.”