Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

THUTO 2

Modimo ke Mang?

Modimo ke Mang?

1. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go obamela Modimo?

Modimo wa boammaaruri ke ene Mmopi wa dilo tsotlhe. Ga a na tshimologo e bile ga a ka ke a nna le bokhutlo. (Pesalema 90:2) Ke ene Motswedi wa dikgang tse di molemo tse di mo Baebeleng. (1 Timotheo 1:11) E re ka Modimo a re file botshelo, re tshwanetse go obamela ene fela.—Bala Tshenolo 4:11.

2. Modimo o ntse jang?

Ga go na motho ope yo o kileng a bona Modimo ka gonne Modimo ke Moya, se se rayang gore o kwa godimo ga dibopiwa tsotlhe tse di tshelang mo lefatsheng. (Johane 1:18; 4:24) Le fa go ntse jalo, re ka kgona go ithuta ka dinonofo tsa Modimo mo dilong tse a di bopileng. Ka sekai, maungo le dithunya tse di farologaneng di re bontsha kafa Modimo a leng lorato le botlhale ka gone. Tsela e lobopo lo leng logolo ka yone e bontsha maatla a gagwe.—Bala Baroma 1:20.

Re ka ithuta go le gontsi ka dinonofo tsa Modimo ka go bala Baebele. Ka sekai, e re bolelela se Modimo a se ratang le se a sa se rateng, kafa a dirisanang le batho ka gone le kafa a itshwarang ka gone mo maemong a a farologaneng.—Bala Pesalema 103:7-10.

3. A Modimo o na le leina?

Jesu o ne a re: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.” (Mathaio 6:9) Le fa gone Modimo a na le direto tse dintsi, o na le leina le le lengwe fela. Le bidiwa ka ditsela tse di farologaneng go ya ka dipuo. Ka Setswana ke “Jehofa.” Mme batho ba bangwe ba le bitsa “Yahweh.”—Bala Pesalema 83:18.

Leina la Modimo le ntshitswe mo Dibaebeleng tse dintsi mme mo boemong jwa lone ga tsenngwa direto tse di jaaka Morena kgotsa Modimo. Mme gone fa Baebele e ne e kwalwa, leina la Modimo le ne le tlhaga mo go yone ka makgetlo a ka nna 7 000. Jesu o ne a dira gore leina la Modimo le itsiwe fa a ne a ruta batho ka Modimo.—Bala Johane 17:26.

Leba bidio ya A Modimo O na Le Leina?

4. A Jehofa o amega ka rona?

Fela jaaka rre yono yo o lorato, Modimo o dira dilo dingwe ka gonne a batla gore re solegelwe molemo ka bosakhutleng

A go anama ga pogo e e kanakana go bontsha gore Jehofa Modimo ga a amege ka rona? Batho bangwe ba re o re leka ka go dira gore re boge, mme seo ga se boammaaruri.—Bala Jakobe 1:13.

Modimo o neile batho kgololesego ya go itlhophela. Re tshwanetse go bontsha gore re anaanela kgololesego eo ka go itlhophela go direla Modimo. (Joshua 24:15) Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba tlhopha go utlwisa ba bangwe botlhoko, mme seo se dira gore pogo e aname. Jehofa o utlwa botlhoko fa a bona tshiamololo eo.—Bala Genesise 6:5, 6.

Jehofa ke Modimo yo o amegang ka rona. O batla gore re itumelele botshelo. Go ise go ye kae, o tla fedisa pogo le botlhe ba ba e bakang. Pele a dira seo, o na le lebaka le le utlwalang la go bo a letleletse pogo ka lobaka lo lo rileng. Mo Thuto 8, re tla ithuta gore lebaka leo ke lefe.—Bala 2 Petere 2:9; 3:7, 13.

5. Re ka atamalana jang le Modimo?

Jehofa o re laletsa gore re atamalane le ene ka go bua le ene ka thapelo. O kgatlhegela mongwe le mongwe wa rona. (Pesalema 65:2; 145:18) O iketleeleditse go itshwarela. O bona maiteko a re a dirang gonne re batla go mo itumedisa, le fa ka dinako tse dingwe re palelwa. Ka jalo, go sa kgathalesege bosaitekanelang jwa rona, re ka kgona go nna le kamano e e gaufi le Modimo.—Bala Pesalema 103:12-14; Jakobe 4:8.

E re ka Jehofa a re file botshelo, re tshwanetse go mo rata go feta le fa e ka nna motho ope fela. (Mareko 12:30) Fa o ntse o bontsha gore o rata Modimo ka go ithuta ka ene le go dira se a se batlang, o tla atamalana thata le ene.—Bala 1 Timotheo 2:4; 1 Johane 5:3.