Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“O se Ka wa Letla Ditsitsiri di go Loma!”

“O se Ka wa Letla Ditsitsiri di go Loma!”

MO MAGARENG a lekgolo la bo20 la dingwaga, go ne go lebega e kete batho ba kgona go fedisa ditsitsiri. Batho bangwe ba ne ba itse ditsitsiri fela ka ntlha ya kinane ya bogologolo ya bana ya Seesemane e e neng e re: “O se ka wa letla ditsitsiri di go loma.” Le fa go ntse jalo, ka bo1970 dinaga di le dintsi di ne tsa thibela go dirisiwa ga khemikale e e bidiwang DDT—e go neng go dirisiwa yone thata go bolaya ditsitsiri—ka gonne e ne e le botlhole e bile e senya tikologo.

Fa go ntse go ya, ditsitsiri di ne tsa simolola go palela dikhemikale tse dingwe tse di neng di dirisiwa go di fedisa. Gape batho ba ne ba simolola go tsaya mesepele gantsi go feta pele mme ba rwala ditsitsiri ba sa lemoge. Diphelelo e ne ya nna dife? Pego nngwe ya 2012 e e ka ga go fedisiwa ga ditsitsiri ya re: “Mo dingwageng tse 12 tse di fetileng, go ile ga begwa gore ditsitsiri di simolola go ata gape kwa United States, kwa Canada, kwa Botlhabagare, kwa dinageng di le mmalwa tsa Yuropa, kwa Australia le kwa dikarolong dingwe tsa Afrika.”

Kwa Moscow, kwa Russia, dipego tsa batho ba ba tshwenngwang ke ditsitsiri di oketsegile go menagane ga lesome mo ngwageng mongwe wa bosheng. Go ntse go le jalo, kwa karolong e nngwe ya lefatshe, kwa Australia, dipego tsa batho ba ba tshwenngwang ke ditsitsiri di oketsegile ka diperesente di ka nna 5 000 fa e sale ka 1999!

Batho bangwe ba rwala ditsitsiri ba sa lemoge fa ba tswa kwa mabenkeleng, kwa mafelong a bobogelo kgotsa kwa dihoteleng. Motsamaisi mongwe wa hotele kwa United States a re: “Ditsitsiri tsone di tla nna teng. Malatsing a, fa o na le kgwebo ya hotele o tshwanelwa ke go lwantsha ditsitsiri.” Ke eng fa go le thata jaana go fedisa ditsitsiri? O ka itshireletsa jang? Fa ditsitsiri di tlhasela legae la gago, o ka tsaya dikgato dife tse di mosola go di fedisa le go di thibela gore di se ka tsa boa gape?

Ditshedinyana Tse go Leng Thata go di Fedisa

Tsitsiri e e godileng e lekana le mo e ka nnang halofo fela ya sentimetara ka boleele

E re ka ditsitsiri di le dinnye thata le mo thapong ya apole e bile di le sepapetla, di ka iphitlha mo e ka nnang gongwe le gongwe. Di ka aga mo materaseng a gago, mo fanitšhareng ya gago, mo diphatlheng tsa motlakase kgotsa le e leng mo thelefounung ya gago. Gantsi ditsitsiri ga di nnele kgakala le malao le mo go nniwang gone ka sekgala se se fetang dimetara tse tharo go ya go tse thataro. Ka ntlha yang? Gore di nne di le gaufi le wena e re ka di ja mo go wena. *

Gantsi ditsitsiri di loma batho fa ba robetse. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ga ba ke ba utlwa fa ba lomiwa ke ditshenekegi tseno ka gonne fa di loma di tsenya sengwe se se bolayang bogatsu mme seo se dira gore di kgone go nwa madi ka metsotso e ka nna lesome di sa kgaotse. Le fa ditsitsiri di ka ja beke le beke, go dumelwa gore di kgona go tshela dikgwedi di le dintsi di sa je sepe.

Gone ke boammaaruri gore ditsitsiri ga di tshwane le menang le ditshenekegi tse dingwe ka gonne go dumelwa gore ga di anamise malwetse a a tshelanwang. Le fa go ntse jalo, fa di go lomileng teng go ka baba kgotsa ga ruruga, mme batho ba le bantsi ba di ba lomileng ba tshwenyega mo maikutlong.  Batho ba le bantsi ba ba lomiwang ke ditsitsiri ba ka nna ba tshwanelwa ke go itshokela go tlhorega boroko, go tlhabiwa ke ditlhong, tota le go utlwa e kete ba a lomiwa le fa ditsitsiri di sa tlhole di le teng. Pego e e tswang kwa Sierra Leone ya re ditsitsiri di “letshwenyo e bile di tlhora boroko” mme e tlhagisa ka “ditlhong tse di bakwang ke go nna le ditsitsiri.”

Thibela Ditsitsiri

Tlhatlhoba dibeke tsa gago

Ditsitsiri di ka tlhasela mongwe le mongwe. Go ka nna motlhofo go di fedisa fa o di lemogile ka bonako. Ka jalo ithute go lemoga matshwao a a ka go bontshang fa go na le ditsitsiri mo gae le fa o etile. Sekaseka fanitšhara ya gago, di-skirting board le merwalo ya gago gore a ga e na mae a mannyennye kgotsa dipatso tsa madi. Dirisa totšhe gore o kgone go di bona.

Kaba diphatlha le maphanyego

Dira gore ditsitsiri di se ka tsa nna le mafelo a mantsi a di ka iphitlhang mo go one. Fa lebota kgotsa dikosene di phanyegile, kaba diphatlha tseo. Le fa gone leswe le sa bake ditsitsiri, go ka nna motlhofo go di bona le go di laola fa o phepafatsa ka metlha e bile o boloka ntlo e le bothakga. Fa o le mo phaposing ya hotele, o ka dira gore fa o tsamaya o se ka wa rwala ditsitsiri ka go sa beye beke ya gago fa fatshe kgotsa mo beteng.

Fa Ditsitsiri di ka Tlhasela Legae la Gago

Phepafatsa ka metlha

Fa o ka bona ditsitsiri mo legaeng la gago kgotsa mo phaposing ya hotele, o ka tlhobaela le e leng go tlhabiwa ke ditlhong. Fa Dave le mosadi wa gagwe ba ne ba ile malatsing a boikhutso, ba ne ba longwa ke ditsitsiri. Dave a re: “Re ne re tlhabilwe ke ditlhong fela thata. Re ne re tla raya ditsala tsa rona le ba lelapa la rona re reng fa re fitlha kwa gae? A nako nngwe le nngwe fela fa ba babelwa ba ne ba tla akanya gore ba lomilwe kwa ntlong ya rona?” Le fa gone go tlwaelegile gore batho ba tsiboge ka tsela eno, o se ka wa letla go tlhabiwa ke ditlhong go go thibela go kopa thuso. Department of Health and Mental Hygiene ya kwa New York City e re tlhomamisetsa jaana: “Go boima go fedisa ditsitsiri, mme seo ga se reye gore go ka se kgonege.”

Tlhatlhoba legae la gago gore a ga le na ditsitsiri mme o tseye dikgato go di thibela gore di se ka tsa iphitlha mo legaeng la gago

Le fa go ntse jalo, o se ka wa tsaya gore go fedisa ditsitsiri ke kgetsi e potlana. Fa o bona ditsitsiri mo legaeng la gago, mongwe yo o nang le lekwalo la go fedisa ditshenekegi tse di senyang a ka go naya thuso e o e tlhokang. Le fa dikhemikale tse di umakilweng pelenyana di sa tlhole di dirisiwa, gompieno batho ba ba fedisang ditshenekegi tse di senyang ba kopanya mekgwa e e farologaneng go bolaya ditsitsiri. Dini M. Miller yo e leng moithutaditshenekegi le ene a re: “Go laola ditsitsiri go tlhoka tirisanommogo ya batsamaisi [ba kago] le khampani e e fedisang ditshenekegi mmogo le banni ba kago eo.” Fa o latela ditaelo tsa moitse o bo o dira dilo tse di tlhokegang go thibela ditsitsiri, o ka dira seabe sa gago gore o “se letle ditsitsiri di go loma”!

^ ser. 7 Baithutaditshenekegi ba bolela gore ditsitsiri di nwa madi a batho le a diamusi tse dingwe, go akaretsa le diruiwa tsa mo gae.