Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 Baebele ya Reng . . . 

A Modimo o Dirisa Ditiragalo Tsa Masetlapelo a Tlholego go Otlhaya Batho Gompieno?

A Modimo o Dirisa Ditiragalo Tsa Masetlapelo a Tlholego go Otlhaya Batho Gompieno?

BATHO bangwe ba dumela gore Modimo o dirisa ditiragalo tsa masetlapelo a tlholego go otlhaya batho. Ba bangwe ga ba dumalane le kgopolo eo. Mme ba bangwe bone ga ba itse gore ba dumele eng. Porofesa mongwe wa thuto ya madumedi o ne a re: “Bontsi jwa madumedi a ruta gore ga go na ope yo o ka itseng ka tlhomamo gore a ditiragalo tsa masetlapelo a tlholego di bakwa ke Modimo.”

Le fa go ntse jalo, Baebele e re naya dikarabo tse di kgotsofatsang. E re naya lesedi malebana le gore a Modimo o dirisa ditiragalo tsa masetlapelo a tlholego go otlhaya batho gompieno. Gape e re naya lesedi malebana le gore pogo e batho ba le bantsi ba lebanang le yone e tswa kae.

Dikwalo di re Bontsha Tsela ya Modimo ya go Dira Dilo

Baebele e re naya dintlha tse pedi tsa botlhokwa tse di boammaaruri ka Modimo, yo leina la gagwe e leng Jehofa. Sa ntlha, ke ene Mmopi, mme ka jalo o na le maatla le taolo ya go laola maatla a lefatshe a tlholego. (Tshenolo 4:11) Sa bobedi, ka metlha ditiro tsa gagwe di tsamaisana le botho jwa gagwe, dinonofo tsa gagwe le melaometheo ya gagwe. O bua jaana mo go Malaki 3:6: “Ke nna Jehofa; ga ke a fetoga.” O ntse o akantse ka dintlha tseno, ela tlhoko ditiragalo tse pedi tsa mo nakong e e fetileng: mo go e nngwe go ile ga nna le morwalela mme mo go e nngwe go ile ga nna le leuba. O tla fitlhela gore mo ditiragalong tsa Baebele, fa Modimo a ne a dirisa maatla a tlholego go diragatsa dikatlholo tsa gagwe, ka metlha o ne a naya (1) tlhagiso, (2) lebaka la katlholo le (3) tsela ya go sireletsa baobamedi ba ba kutlo.

Morwalela wa Motlha wa ga Noa

Tlhagiso.

Masomesome a dingwaga pele ga Morwalela, Jehofa o ne a raya Noa a re: “Fa e le nna, bona, ke tlisa morwalela wa metsi mo lefatsheng gore ke senye nama yotlhe.” (Genesise 6:17) Noa yo e neng e le “moreri wa tshiamo” o ne a tlhagisa batho mme “ba se ka ba tsaya tsia.”—2 Petere 2:5; Mathaio 24:39.

Lebaka la katlholo.

Jehofa o ne a itsise jaana: “Bokhutlo jwa nama yotlhe bo tlile fa pele ga me, ka gonne lefatshe le tletse thubakanyo ka ntlha ya bone.”—Genesise 6:13.

Tsela ya go sireletsa baobamedi ba ba kutlo.

Jehofa o ne a naya Noa ditaelo tse di nang le tshedimosetso e e feletseng malebana le go dira araka gore ba falole Morwalela. “Noa . . . le ba ba neng ba na le ene mo arakeng ba [ne] ba tswelela ba tshela.”—Genesise 7:23.

Leuba Kwa Iseraele

Tlhagiso

. Pele Jehofa Modimo a tlisa leuba le legolo kwa Iseraele, moporofeti wa gagwe e bong Elija o ne a itsise jaana: “Mo dingwageng tseno ga go na go nna le monyo le fa e le pula, fa e se fela ka taelo ya lefoko la [Modimo]!”—1 Dikgosi 17:1.

Lebaka la katlholo.

Jehofa o ne a dira seno ka gonne Baiseraele ba ne ba obamela modimo wa maaka e bong Baale. Elija o ne a tlhalosa jaana: “Lo tlogetse ditaolo tsa ga Jehofa, mme lwa sala Bobaale morago.”—1 Dikgosi 18:18.

Tsela ya go sireletsa baobamedi ba ba kutlo.

Ka nako eo ya leuba Jehofa o ne a tlamela baobamedi ba ba kutlo ka dijo.—1 Dikgosi 17:6, 14; 18:4; 19:18.

Se se Senolwang ke Tsela ya Modimo ya go Dira Dilo

Gompieno ga go na bosupi bope jwa gore Modimo o dirisa ditiragalo tsa masetlapelo go otlhaya batho. E re ka Jehofa e le Modimo wa tshiamiso ga a ise a ko a ‘gogole basiami le baikepi.’  (Genesise 18:23, 25) O ne a rulaganya gore batho ba ba kutlo ba kgone go falola. Gompieno masetlapelo a tlholego a ama banna, basadi le bana a sa tlhaole.

Modimo ga se ene a bakelang batho pogo

Go bonala sentle gore ditiragalo tsa gompieno tsa masetlapelo ga di tsamaisane le tsela ya Modimo ya go dira dilo e e fitlhelwang mo Dikwalong. Mo godimo ga moo, ditiragalo tseno tse di sa lebelelwang ga di tsamaisane le botho jwa Modimo. Jakobe 1:13 ya re Modimo ga a leke batho ka dilo tse di bosula, mme 1 Johane 4:8 e tlhalosa botho jwa Modimo jaana ka bokhutshwane: “Modimo ke lorato.” Ga go ka motlha a ka bakelang batho ba ba se nang molato pogo ka difefo, dithoromo tsa lefatshe le masetlapelo a mangwe a a tshwanang le one a a tlang fela ka tshoganetso. A masetlapelo a a ntseng jalo a tla tsamaya a fela?

Pogo e Tla Fela

Jehofa Modimo o ne a sa ikaelela gore batho ba welwe ke masetlapelo a tlholego. Thato ya gagwe ke gore batho ba tshelele ruri mo lefatsheng le le renang kagiso. Jaaka a ile a dira mo motlheng wa ga Noa, o tla tsenelela mo ditiragalong tsa lefatshe go fedisa bosula. Fela jaaka Jehofa Modimo a tle a dire, o itsise batho go sa le gale ka go dira gore molaetsa wa tlhagiso o bolelwe mo lefatsheng lotlhe mme seo se dira gore batho ba kgone go falola.—Pesalema 37:9, 11, 29; Mathaio 24:14.