Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 A GO TLHAMILWE?

Go Utlwa ka Tsela e e Tlhomologileng ga Katydid

Go Utlwa ka Tsela e e Tlhomologileng ga Katydid

SEKWAKWALALA se se bidiwang katydid (Copiphora gorgonensis) sa kwa sekgweng sa Amerika Borwa se na le ditsebe tse di boleele jo bo kwa tlase ga milimetara mme di dira fela jaaka ditsebe tsa batho. Tshenekegi eno e kgona go lemoga medumo e mentsi e e farologaneng e le kgakala. Ka sekai, e kgona go lemoga pharologano fa gare ga modumo o o dirwang ke katydid e nngwe le modumo o batho ba ka se kgoneng go o utlwa o o dirwang ke mmamathwane fa a tsoma.

TSEBE YA KATYDID

Ela tlhoko: Ditsebe tsa katydid di mo maotong a yone a a kwa pele. Fela jaaka tsebe ya motho, tsebe ya katydid e utlwa modumo e bo e o fetola, go tswa foo e bo e sekaseka gore ke wa mofuta ofe. Mme baitsesaense ba lemogile karolo nngwe e e sa tlwaelegang mo teng ga tsebe ya tshenekegi eno—phatlha e e tletseng ka seedi e e lebegang jaaka balunu e e taolositsweng. Karolo eno e ba neng ba e bitsa acoustic vesicle, e dira jaaka cochlea e e mo diamusing mme e nnye thata mo go yone. Acoustic vesicle ke yone e thusang katydid gore e kgone go utlwa ka tsela eno e e tlhomologileng.

Porofesa Daniel Robert wa University of Bristol’s School of Biological Sciences kwa United Kingdom a re tshedimosetso eno e e lemogilweng e tla thusa baenjenere go “tlhama didirisiwa tse di thusang go utlwa tse di dirilweng go tsewa malebela mo ditsheding mme didirisiwa tseno di le dinnye thata go feta pele e bile di kgona go bereka sentle go feta pele.” Gape babatlisisi ba dumela gore e tla thusa gore go tlhabololwe botegeniki jwa ultrasonic engineering, go akaretsa le di-scanner tsa kwa dikokelong.

O akanyang? A go utlwa ka tsela e e tlhomologileng ga katydid go nnile gone ka bogone fela? Kgotsa a go tlhamilwe?