Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE YA RENG?

Go Buisana le Meya

Go Buisana le Meya

A go leka go buisana le baswi go phoso?

“Lo se ka lwa retologela kwa go ba ba buang le meya . . . gore lo itshekololwe ke bone.”—Lefitiko 19:31.

SE BATHO BA SE BUANG

Go a utlwala go bo batho ba batla go tlhomamisediwa gore motho yo ba mo ratang yo o tlhokafetseng ga a boge. Ka jalo, ba re: “Ke eng fa o sa leke go ikgolaganya le ene o dirisa motho yo o buang le meya? Gongwe a ka go thusa gore o wele dibete o lese go tlhobaela.”

SE BAEBELE E SE BUANG

Baebele e bua e sa potapote ka kgang ya gore batshedi ba leke go buisana le baswi—e leng mokgwa o o neng o tlwaelegile mo motlheng wa bogologolo. Ka sekai, Molao o Jehofa Modimo a neng a o naya setšhaba sa Iseraele o ne o re: “Go se ka ga fitlhelwa mo go wena ope . . . yo o lopang kgakololo mo go yo o buang le meya kgotsa . . . yo o botsang baswi. Gonne mongwe le mongwe yo o dirang dilo tseno o makgapha mo go Jehofa.” (Duteronome 18:10-12) Gape Baebele ya re ba ba dirisanang le meya ka tsela epe fela “ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.”—Bagalatia 5:19-21.

 A baswi ba ka tlhotlheletsa batshedi?

“Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele.”—Moreri 9:5.

SE BATHO BA SE BUANG

Batho ba le bantsi ba re baswi ba tswelela ba tshela ka tsela nngwe. Ka jalo, ba ka leka go buisana le baswi, gongwe ba batla tshedimosetso nngwe kgotsa ba batla go reba baswi bogale gore ba se ka ba tshwenya batshedi.

SE BAEBELE E SE BUANG

“Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele . . . Lorato lwa bone le letlhoo la bone le lefufa la bone [tse tsotlhe ba neng ba na le tsone fa ba ne ba tshela] di setse di nyeletse.” (Moreri 9:5, 6) Ee, Baebele e ruta gore baswi ba ntse fela jalo—ba sule! Ba ka se kgone go akanya, go dira tiro epe le e leng go obamela Modimo. Pesalema 115:17 ya re: “Baswi bone ga ba bake [Modimo], le fa e le bape ba ba fologelang kwa tidimalong.”

A ka dinako dingwe batho ba ba buang le meya ga ba ke ba bua tshedimosetso e e nepileng?

[A go tshwanetse ga bodiwa] batho ba ba suleng go bolediwa batho ba ba tshelang?”—Isaia 8:19.

SE BATHO BA SE BUANG

Bangwe ba bolela gore batho ba ba buang le meya ba kgona go senola tshedimosetso e e ka itsiweng fela ke baswi le ke ba malapa a bone kgotsa ditsala tsa bone.

SE BAEBELE E SE BUANG

Kgaolo 28 ya buka ya 1 Samuele e tlhalosa kafa kgosi e e sa ikanyegeng e bong Saulo e ileng ya tlola molao wa Modimo ka teng wa gore go se ka ga ikgolaganngwa le batho ba ba buang le meya. O ne a ikgolaganya le mongwe yo o buang le meya, mosadi mongwe yo go neng go lebega e kete o buisana le monna mongwe wa Modimo yo o neng a tlhokafetse e bong Samuele! A mme tota o ne a buisana le Samuele? Nnyaa! Tota e bile o ne a buisana le motsietsi—motho yo o neng a itira e kete ke Samuele yo o suleng.

Motsietsi yoo e ne e le moya o o boikepo, moemedi wa ga “ramaaka”—Satane. (Johane 8:44) Ke ka ntlha yang fa meya e e boikepo kgotsa madimona a rotloetsa kgopolo ya gore baswi ba tswelela ba tshela? Maikaelelo a one ke go senya Modimo leina le go dira gore batho ba se ka ba dumela Lefoko la gagwe le le kwadilweng, Baebele.—2 Timotheo 3:16.

A dintlha tse go tlotlilweng ka tsone di kaya gore ga go na tsholofelo epe ka baswi? Nnyaa le e seng! Baebele e solofetsa gore mo nakong e e tlang go tla tsosiwa batho ba go ka tweng ba ‘robetse’ mo mabitleng. * (Johane 11:11-13; Ditiro 24:15) Mme fa re ntse re letile seo, re tlhomamisegile gore baratiwa ba rona ba ba suleng ga ba boge ka tsela epe.

^ ser. 16 Kgaolo 7 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e na le setlhogo se se reng, “Tsholofelo ya Mmatota ka Batho Ba o Ba Ratang ba ba Suleng.”