Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mesele—Ditiro Tsa Boenjenere Tsa Roma

Mesele—Ditiro Tsa Boenjenere Tsa Roma

MESELE ya Roma ke nngwe ya ditiro tse di tlhomologileng tsa boenjenere jwa bogologolo. Molaodi le mokomishinara wa Moroma wa tsamaiso ya metsi e bong Sextus Julius Frontinus (35–c. 103 C.E.), o ne a kwala jaana: “Ruri motseletsele wa dikago tseno tse di botlhokwa tse di nang le metsi a mantsi o ka se bapisiwe le Dipiramiti tse di sa dirisiweng kgotsa le dilo tse di tumileng tse di dirilweng ke Bagerika tse di se nang mosola!” *

Ke Eng fa Mesele e Tlhokega?

Metse ya bogologolo e ne e agilwe gaufi le mafelo a a nang le metsi a mantsi, Roma e ne e le mongwe wa yone. Kwa tshimologong, Noka ya Tiber le metswedi e e gaufi le yone di ne di na le metsi a a lekaneng. Le fa go ntse jalo, go simolola ka lekgolo la bonè la dingwaga B.C.E., Roma e ne ya gola thata mme seno sa dira gore go nne le tlhokego e kgolo ya metsi.

E re ka batho ba le mmalwa ba ne ba na le metsi mo magaeng a bone, Baroma ba ne ba aga mafelo a go thuma a go neng go duelwa mo go one le a batho botlhe. Lefelo la ntlha la go thuma la batho botlhe la toropo ya Roma, le ne le amogela metsi a lone go tswa kwa Aqua Virgo mme le ne la kgakolwa ka 19 B.C.E. Moagi wa mosele ono e bong Marcus Agrippa, tsala e kgolo ya ga Caesar Augustus, o ne a dirisa madi a gagwe a mantsi go baakanya le go oketsa thulaganyo ya metsi ya kwa Roma.

Mafelo ano a go thuma a ne a nna mafelo a batho ba kopanang kwa go one, a magolwane a ne a diretswe diparaka le dilaeborari. Fa metsi a a nang le maatla a mosele a tswa mo matangwaneng a go thuma, a elela go ya kwa meseleng e e tsamaisang leswe go ntsha leswe le le mo go tsone le le le tswang mo matlwaneng a boithomelo a a bapileng le matangwana a go thuma.

Kago le Tlhokomelo

Fa o utlwa mafoko “mesele ya Roma,” a o akanya ka kago e telele e e tsholetsegileng e bile e tshegeditswe ke dipilara? Mme gone, mo meseleng eno, dikago di dira diperesente tse di kwa tlase ga 20 e bile karolo e kgolwane ya yone e kafa tlase ga lefatshe. Tsela e e neng e agilwe ka yone e ne e dira gore e sireletsege mo kgogolegong le gore e se ka ya senya masimo le lefelo le batho ba nnang mo go lone. Ka sekai,  mosele wa Aqua Marcia o o neng wa wediwa ka 140 B.C.E. o boleele jwa dikilometara di ka nna 92, mme dikilometara di ka nna 11 tsa one ke kago e e tsholetsegileng.

Pele go agiwa mosele, baenjenere ba ne ba tlhatlhoba boleng jwa motswedi wa metsi ka go sekaseka gore a metsi ao a phepa, a na le maatla go le kae le gore a a monate. Gape ba ne ba akanyetsa botsogo jwa batho ba ba neng ba tla nwa metsi ao. Fa kopo ya setsha e amogelwa, batlhatlhobi ba ne ba tlhatlhoba gore mesele e tla agiwa jang, e tla tsholetsega go le kae le gore e tla nna bogolo le boleele jo bo kae. Go lebega go ne go dirisiwa makgoba go aga mesele eno. Go aga mesele go ne go ka tsaya dingwaga di le dintsi mo go ka tlhokang madi a mantsi—segolobogolo fa go tlhokega dikago.

Mo godimo ga moo, mesele e ne e tshwanetse go tlhokomelwa le go sirelediwa. Motse wa Roma o ne wa thapa batho ba ka nna 700 gore ba e tlhokomele. E ne e agilwe ka tsela e go neng go le motlhofo go e tlhokomela. Ka sekai, go ne go dirilwe dikhuti tse batho ba neng ba kgona go tsena mo dikarolong tse di kwa tlase tsa mesele eno ka yone. Fa go ne go baakanngwa karolo nngwe e e senyegileng ya mosele, baenjenere ba ne ba faposetsa metsi kwa karolong e nngwe.

Mesele ya Toropo ya Roma

Kwa tshimologong ya lekgolo la boraro la dingwaga C.E., mesele e megolo e le 11 e ne e tlamela motse wa Roma ka metsi. Mosele wa ntlha o o neng wa agiwa ka 312 B.C.E. wa Aqua Appia, o ne o le boleele jwa dikilometara di feta 16 e bile o tsamaya ka fa tlase ga lefatshe. Mosele o mongwe o o sa ntseng o le teng ke wa Aqua Claudia o o boleele jwa dikilometara di le 69 e bile o na le dikago tsa boleele jwa dikilometara di le 10, tse bontsi jwa tsone di leng dimetara di le 27 go ya kwa godimo!

Mesele eno e ne e isa metsi a kana kang kwa toropong? A le mantsi tota! Ka sekai, Aqua Marcia e e umakilweng pelenyana, e ne e kgona go isa dilitara di le dimilione di le 190 tsa metsi kwa Roma ka letsatsi. Fa metsi a goroga kwa ditoropong—a tsamaisiwa ke maatlakgogedi—a ne a fetela kwa ditankeng tsa metsi le kwa dipompong tse di neng di isa metsi kwa ditankeng tse dingwe tsa metsi kgotsa kwa mafelong a mangwe gore a dirisiwe. Bangwe ba fopholetsa gore thulaganyo ya go tsamaisa metsi ya kwa Roma e ne ya gola thata jaana mo motho a le mongwe a neng a ka dirisa dilitara di feta 1 000 tsa metsi ka letsatsi.

Buka ya Roman Aqueducts & Water Supply ya re fa Mmusomogolo wa Roma o ntse o gola, “mesele ya metsi e ne e anamela gongwe le gongwe kwa Roma e neng e ya gone.” Batho ba ba etelang Asia Minor, Fora, Spain le Afrika Bokone ba sa ntse ba jesiwa kgakge ke go bona ditiro tseno tsa bogologolo tsa boenjenere.

^ ser. 2 Baroma ga se bone ba ntlha go aga mesele ya metsi. Ditšhaba tse dingwe tsa bogologolo tse di jaaka Baasiria, Baegepeto, Ba-India le Baperesia le bone ba ile ba e aga.