Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 GO THUSA LELAPA | GO GODISA BANA

Fa Ngwana wa Gago a Bua Maaka

Fa Ngwana wa Gago a Bua Maaka

KGWETLHO

Morwao wa dingwaga di le tlhano o tshamekela mo phaposing e nngwe. * Ka tshoganyetso fela, o utlwa sengwe se thubega. O itlhaganelela go bona se se diregileng, o bo o mo fitlhela a eme go bapa le pitsana e e thubegileng ya malomo e e dirilweng ka letsopa. Sefatlhego sa gagwe se go bontsha gore o molato.

O botsa morwao jaana o tiisitse: “A ke wena o e thubileng?”

O araba jaana ka bonako: “Nnyaa Mama, ga se nna!”

Leno ga se lekgetlo la ntlha o lemoga gore morwao wa dingwaga tse tlhano o bua maaka. A o tshwanetse go tshwenyega?

SE O TSHWANETSENG GO SE ITSE

Maaka otlhe ga a siama. Baebele ya re Jehofa Modimo o tlhoile “loleme lo lo maaka.” (Diane 6:16, 17) Molao o o neng o neilwe Baiseraele o ne o na le ditaelo tse di kgalang motho ope fela yo o tsietsang yo mongwe.—Lefitiko 19:11, 12.

Mme gone, maaka ga a tshwane. Maaka mangwe ke a bopelotlhoi; a buiwa ka boikaelelo jwa go utlwisa ba bangwe botlhoko. Maaka a mangwe one a buiwa ka gonne motho a le mo kgatelelong, kgotsa gongwe a tila go tlhabisiwa ditlhong kgotsa kotlhao. (Genesise 18:12-15) Le fa maaka otlhe a sa siama, maaka a mangwe a masisi go feta a mangwe. Fa ngwana wa gago a bua maaka, akanyetsa dingwaga tsa gagwe le gore ke eng fa a sa bue boammaaruri.

O tshwanetse go baakanya bothata jono ngwana a sa le monnye. Dr. David Walsh a re: “Go botlhokwa thata gore o rute ngwana go bua boammaaruri segolobogolo fa go le thata gore a dire jalo. Botsala bo a nonofa fa batho ba ikanyega, maaka a dira gore ba se tlhole ba ikanyana.” *

O se ka wa tshoga. Fa ngwana wa gago a buile maaka, seo ga se kaye gore o simolola go tswa mo tseleng. Gakologelwa gore Baebele ya re: “Boeleele bo bofeletswe mo pelong ya mosimane.” (Diane 22:15) Bana bangwe ba bontsha boeleele joo ka go bua maaka, gongwe ba akanya gore seo se ka dira gore ba se ka ba otlhaiwa. Ka jalo, go botlhokwa gore o tsibogela seo jang.

 SE O KA SE DIRANG

Leka go tlhaloganya lebaka la go bo ngwana a bua maaka. A o tshaba go otlhaiwa? A ga a batle go go swabisa? Fa e le gore ngwana wa gago o kgona go itlhamela dikgang gore a kgatlhe ditsala tsa gagwe, a o dira jalo ka gonne a ise a gole mo go lekaneng gore a lemoge pharologano magareng ga boammaaruri le maaka? Fa o itse gore ke eng fa ngwana wa gago a bua maaka o tla kgona go mo thusa.—Molaomotheo wa Baebele: 1 Bakorintha 13:11.

Ka dinako tse dingwe, mmolelele, o se ka wa mmotsa potso. Mo tiragalong e e kwa tshimologong, mmè yo o neng a itse sentle se se diregileng o ne a botsa morwawe jaana a tiisitse: “A ke wena o e ithubileng?” Ngwana o ne a bua maaka, gongwe ka gonne a bona Mama a galefile. Go na le gore mmè a botse potso e e latofatsang o ne a ka re: “Ao nnyaa tlhe, o thubile pitsana ya malomo!” Fa mmè a mmolelela go na le go botsa potso, ga a dire gore ngwana a raelesege go bua maaka—e bile o mo thusa gore a ikanyege.—Molaomotheo wa Baebele: Bakolosa 3:9.

Gatelela botlhokwa jwa go ikanyega. Ka tlholego fela bana ba batla go itumedisa batsadi, ka jalo dira gore keletso eo e go solegele molemo. Dira gore ngwana wa gago a itse gore boikanyegi ke selo sa botlhokwa mo lelapeng la lona le gore o lebeletse gore a ikanyege.—Molaomotheo wa Baebele: Bahebera 13:18.

Dira gore ngwana wa gago a lemoge gore go bua maaka go senya boikanyegi, le gore go ka tsaya lobaka gore batho ba go ikanye gape. Dira gore a nne le boitshwaro jo bo molemo ka go mo akgola fa a bua boammaaruri. Ka sekai, o ka nna wa re, “Ke itumelela gore o bua boammaaruri.”

Tlhoma sekao. O ka se lebelele gore ngwaga wa gago a bue boammaaruri fa a go utlwa o bua dilo tse di jaaka “Mo reye o re ga ke yo,” fa o sa batle go bua le mongwe mo founong kgotsa o re “Gompieno ga ke ye tirong ke a lwala” ntswa tota o batla go itapolosa fela.—Molaomotheo wa Baebele: Jakobe 3:17.

Dirisa Baebele. Melaometheo ya yone le dipego tsa yone tsa batho ba mmatota di rotloetsa boikanyegi. Buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, e ka go thusa go jalela melaometheo ya Baebele mo ngwaneng wa gago. Kgaolo 22 e na le setlhogo se se reng “Lebaka La go Bo re Sa Tshwanela go Bua Maaka.” (Bona mafoko a yone a a nopotsweng mo lebokoseng la “ Buka e e Diretsweng Ngwana wa Gago.”)

^ ser. 4 Go dira gore go nne motlhofo, mo setlhogong seno re bua ka ngwana wa mosimane. Le fa go ntse jalo, melaometheo e go buiwang ka yone mono e dira le mo basetsaneng.

^ ser. 11 Go tswa mo bukeng ya No: Why Kids—of All Ages—Need to Hear It and Ways Parents Can Say It.