Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

2 E re Thusa go Rarabolola Mathata

2 E re Thusa go Rarabolola Mathata

Mathata mangwe a tsaya lobaka a le gone, ka dinako tse dingwe a tsaya dingwaga. A kgona go nna magolo pele re a lemoga. A Baebele e re naya kgakololo ya go rarabolola mathata ao a a tsayang lobaka e bile a tlhakanya tlhogo? Akanya ka dikai dingwe.

GO TSHWENYEGA THATA

Rosie a re: “Ke ne ke tshwenngwa ke dilo dingwe ka gonne ke akanya gore seemo se tla nna maswe le go feta.” Ke ditemana dife tsa Baebele tse di mo thusitseng? Nngwe ya tsone ke Mathaio 6:34 e e reng: “Lo se ka le ka motlha lwa tlhobaela kaga letsatsi le le latelang, gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone. Letsatsi lengwe le lengwe le lekanwe ke bosula jwa lone.” Rosie a re mafoko ao a ga Jesu a mo thusitse gore a se ka a tshwenyega ka gore go tla direga eng mo letsatsing le le latelang. A re: “Jaanong ke ne ke sa oketse mathata a me ka go tshwenyega ka se se iseng se direge e bile gongwe se ka se direge.”

Yasmine le ene o ne a lemoga gore o hupediwa ke ditlhobaelo. A re: “Ke ne ke fetsa malatsi ke lela e bile ke sa robale ka malatsi mangwe. Dikakanyo tse di sa siamang di ne di tlhakatlhakanya botshelo jwa me.” Ke temana efe e e mo thusitseng? A re ke 1 Petere 5:7 e e reng: “Latlhela tlhobaelo yotlhe ya lona mo go [Jehofa], ka gonne o a lo kgathalela.” Yasmine a re: “Ke ne ka tswelela ke rapela Jehofa mme o ne a araba dithapelo tsa me. Ke ne ka ikutlwa ke imologile. Le fa gone ke tlhola ke nna le dikakanyo tse di sa siamang, jaanong ke a itse gore ke lwe le tsone jang.”

GO BEELA DILO NAKO E E TLANG

Lekgarebe lengwe le le bidiwang Isabella la re: “Ke akanya gore go nna o ipolelela gore o tla dira dilo nako e e tlang go tsamaya mo losikeng ka gonne papa le ene o a go dira. Ke beela dilo tsa botlhokwa kwa thoko gore ke nne ke sa dire sepe—ke iketle fela kgotsa ke lebe TV. Ke mokgwa o o sa siamang ka gonne o dira gore motho a tshwenyege thata le gore a se ka a tseela tiro ya gagwe matsapa.” Molaomotheo o o mo thusitseng ke o o mo go 2 Timotheo 2:15, o o reng: “Dira bojotlhe jwa gago go itlhagisa o amogelwa ke Modimo, modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong.” Isabella a re: “Ke ne ke sa batle gore Jehofa a tlhabiwe ke ditlhong ka ntlha ya tiro ya me fela ka gonne ke ne ke ntse ke e beela nako e e tlang.” Isabella o tokafaditse thata.

Kelsey le ene a re: “E ne e re fa ke na le tiro nngwe ke bo ke sa e dire go fitlha e tlhokega. Ke ne ke lela, ke palelwa ke go robala e bile ke tshwenyega. Go ne go sa ntseye sentle.” Kelsey o ne a thusiwa ke Diane 13:16 e e reng: “Yo o botlhale o tla dira ka kitso, mme yo o sematla o tla anamisetsa boeleele kgakala.” O bua jaana fa a tlhalosa se temana eo e mo rutileng go se dira: “Go botlhale go rulaganya dilo go sa le gale. Jaanong mo tafoleng ya me ke na le buka e e nthusang go rulaganya tiro e e tlang, mme seo se nthusa gore ke ithulaganye, ke se ka ka emela go dira tiro go setse go le thari.”

GO JEWA KE BODUTU

Kirsten a re: “Monna wa me o ne a kgaogana le nna, a ntlogela ka bana ba bannye ba le banê.” Ke molaomotheo ofe wa Baebele o o mo thusitseng? Diane 17:17 ya re: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” Kirsten o ne a kopa thuso mo bathong ba ba direlang Jehofa jaaka ene. O ne a thusiwa jang? A re: “Ditsala tsa me di ne tsa nthusa ka ditsela tse dintsi thata! Bangwe ba ne ba ntlisetsa dijo le malomo [kgotsa dithunya] kwa lapeng. Bangwe ba ne ba nthusa makgetlo a le mararo go fuduga le banake. O mongwe o ne a nthusa go bona tiro. Ditsala tsa me di ne di nthusa ka dinako tsotlhe.”

Delphine a re le ene o ne a jewa ke bodutu. O tlhalosa kafa a neng a ikutlwa ka gone fa a sena go latlhegelwa ke sengwe le sengwe, a re: “Ke ne ke ikutlwa e kete ke tshela mo lefatsheng la me ke le nosi. Ke ne ke jewa ke bodutu thata.” Temana nngwe e e mo thusitseng ke Pesalema 68:6 e e reng: “Modimo o dira gore ba ba nnang ba le nosi ba nne mo ntlong.” A re: “Ke ne ke itse gore temana eno ga e bue ka ntlo ya mmatota. Go na le moo, ke ne ke tlhaloganya gore Modimo o re naya ntlo ya semoya, e leng lefelo le re ikutlwang re sireletsegile mo go lone e bile re ratiwa ke batho ba ba ratang Jehofa. Mme ke ne ke itse gore ke tlhoka go tsalana le Jehofa pele ga nka tsalana le batho ba bangwe. Ke yone ntlha e e gatelelwang mo go Pesalema 37:4 fa e re: ‘O itumelele Jehofa thata, mme o tla go naya dikopo tsa pelo ya gago.’”

O ne a re: “Ke ile ka lemoga gore ke tlhoka go atamalana thata le Jehofa. Ke ene yo o botlhokwa thata. Go tswa foo, ke ile ka kwala dilo tse ke itumelelang go di dira le batho ba ba ratang Jehofa. Ke ithutile gore ke tlhome mogopolo mo dilong tse di molemo tse ba bangwe ba di dirang e seng mo diphosong tsa bone.”

Batho ba ba direlang Modimo le bone ba dira diphoso. Basupi ba ga Jehofa le bone ba na le mathata fela jaaka batho botlhe. Mme Baebele e re ruta gore re dire bojotlhe jwa rona go thusa batho ba bangwe. Go botlhokwa go itsalanya le batho ba ba ntseng jalo. Mme gone, a melaometheo ya Baebele e kgona go re thusa ka mathata a re sa kgoneng go a rarabolola gone jaanong, a a jaaka malwetse a a sa foleng le khutsafalo?

Go dirisa kgakololo ya Baebele go ka go thusa go nna le ditsala tse di siameng