Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikakantsho Tsa go Ithuta

Dikakantsho Tsa go Ithuta

A o rata go bala ditlhogo tse di buang ka botshelo jwa bakaulengwe le bokgaitsadi?

Banyalani bangwe ba ba ratang go bala setlhogo se le sengwe moso mongwe le mongwe ba a re: “Go bala ditlhogo tseno go a re kgothatsa e bile go dira gore re itumele. Di re gopotsa gore le rona re ka kgona go tswelela re ikanyega fa re le mo maemong mangwe le mangwe.” Kgaitsadi mongwe yo le ene a itumelelang go bala ka botshelo jwa bakaulengwe le bokgaitsadi a re: “Ditlhogo tseno di a gomotsa e bile di ama maikutlo. Di mpontsha gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba ntsha ga tshwene mo tirelong ya ga Jehofa, mme seno se ntlhotlheletsa gore ke dire ka natla mo tirong ya ga Jehofa le gore ke kgothaletse bana ba me go tsenela tirelo ya nako e e tletseng.”

Ditlhogo tse di buang ka botshelo jwa bakaulengwe le bokgaitsadi di ka go thusa go dira mo go oketsegileng mo tirelong ya ga Jehofa, go lwantsha makoa a gago le go itshokela diteko o itumetse. O ka di bona kae?

  • Batla motseletsele wa ditlhogo tsa “Dikgang Tsa Botshelo Tsa Basupi ba ga Jehofa” tse di mo jw.org kgotsa mo JW Library® ka Seesemane.

  • Batla ditlhogo tsa “Dikgang Tsa Botshelo Tsa Basupi ba ga Jehofa” mo Watchtower ONLINE ­LIBRARY kgotsa mo Watchtower Library.