Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

SETLHOGO SE SE ITHUTIWANG 5

‘Lorato lo Keresete a Nang le Lone lo a re Tlhotlheletsa’

‘Lorato lo Keresete a Nang le Lone lo a re Tlhotlheletsa’

“Lorato lo Keresete a nang le lone lo [a] re tlhotlheletsa . . . gore ba ba tshelang ba se ka ba tlhola ba itshelela.” —2 BAKOR. 5:​14, 15.

PINA 13 Keresete, Sekao sa Rona

SE RE TLA TLOTLANG KA SONE a

1-2. (a) Re ikutlwa jang fa re akanya ka dilo tse Jesu a ileng a di bua fa a ne a le mo lefatsheng? (b) Re tla tlotla ka eng mo setlhogong seno?

 FA MONGWE yo re mo ratang a tlhokafala, re sala re mo gopola fela thata. Re ka nna ra utlwa botlhoko fa re akanya ka malatsi a bofelo pele a tlhokafala, segolobogolo fa e le gore o ne a le mo ditlhabing. Mme gone, morago ga lobakanyana re ka nna ra itumela fa re akanya ka sengwe se a ileng a re ruta sone. Gape re ka itumela fa re akanya ka sengwe se a ileng a se dira kgotsa a se bua go re kgothatsa.

2 Le rona re utlwa botlhoko fa re bala ka tsela e Jesu a ileng a boga le e a ileng a swa ka yone. Ka paka ya Segopotso, re ipha nako ya go akanya ka tsela e setlhabelo sa ga Jesu se leng botlhokwa ka yone. (1 Bakor. 11:​24, 25) Gone ke nnete gore re utlwa botlhoko fa re akanya ka tsela e Jesu a ileng a boga le e a ileng a swa ka yone, le fa go ntse jalo, fa re akanya ka dilo tse a ileng a di dira le tse a ileng a di bua fa a ne a le mo lefatsheng, re a itumela. Gape re a itumela fa re akanya ka se a se dirang gone jaanong le se a tla re direlang sone mo nakong e e tlang. Go akanyetsa kwa teng ka dilo tseno le ka tsela e a re ratang ka yone, go tla re tlhotlheletsa gore re bontshe gore re lebogela se a re diretseng sone, jaaka re tla bona mo setlhogong seno.

BONTSHA GORE O LEBOGELA SE JEHOFA LE JESU BA GO DIRETSENG SONE

3.Ke eng fa re tshwanetse go lebogela setlhabelo sa thekololo?

3 Re leboga fela thata fa re akanya ka se Jesu a ileng a se dira fa a ne a le mo lefatsheng le gore o ile a re swela. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ile a ruta batho ka dilo tse dintle tse Bogosi Jwa Modimo bo tlileng go di dira. Re rata se Baebele e se buang ka thekololo, le dilo tsotlhe tse dintle tse re tlileng go nna le tsone ka gonne Jesu a re swetse. Re lebogela setlhabelo sa thekololo ka gonne se re thusa gore re kgone go nna ditsala tsa ga Jehofa le Jesu. Gape ba ba dumelang mo go Jesu, ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri le ya go boa ba bona batho ba ba ba ratang ba ba tlhokafetseng. (Joh. 5:​28, 29; Bar. 6:​23) Jehofa le Jesu ba ne ba sa patelesege go re naya masego ano, mo godimo ga moo ga go na sepe se re ka se dirang go duelela se ba re diretseng sone. (Bar. 5:​8, 20, 21) Mme gone, re ka kgona go ba bontsha gore re lebogela se ba re diretseng sone. Re ka dira seo jang?

Go akanyetsa kwa teng ka se Marea Magadalena a ileng a se dira go go tlhotlheletsa jang gore o bontshe gore o a leboga? (Bona serapa 4-5)

4. Marea Magadalena o ile a bontsha jang gore o lebogela se Jesu a mo diretseng sone? (Bona setshwantsho.)

4 Akanya ka se se ileng sa diragalela mosadi mongwe wa Mojuda yo o bidiwang Marea Magadalena. O ne a na le madimona a le supa a a neng a mmogisa mo go botlhoko. A ka tswa a ne a akanya gore ga go na ope yo o ka kgonang go mo thusa. Akanya fela gore o ile a leboga Jesu jang fa a sena go leleka madimona ao. E re ka a ne a lebogela se Jesu a neng a mo diretse sone, o ne a nna molatedi wa gagwe e bile o ne a dirisa nako, maatla le dilo tse a nang le tsone go ema Jesu nôkeng mo tirong ya gagwe ya go rera. (Luke 8:​1-⁠3) Le fa gone Marea a ne a lebogela se Jesu a mo diretseng sone, a ka tswa a ne a sa itse gore dikgolo di sa ntse di tla. Jesu o ne a tlile go swela batho botlhe “gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Joh. 3:​16) Le fa gone Marea a ne a sa itse se Jesu a tlileng go se dira mo nakong e e tlang, o ne a bontsha gore o rata Jesu ka go tswelela a ikanyega mo go ene. Fa Jesu a ne a le mo ditlhabing mo koteng ya tlhokofatso, Marea o ne a eme gaufi ka gonne a ne a amega ka Jesu e bile a batla go gomotsa ba bangwe. (Joh. 19:​25) Fa Jesu a sena go swa, Marea le basadi bangwe ba babedi, ba ne ba tla ka dinkgisamonate kwa lebitleng la ga Jesu gore ba tshase mmele wa gagwe. (Mar. 16:​1, 2) Jehofa o ne a segofatsa Marea ka gonne a ne a ikanyega mo go Jesu. Fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, o ile a kopana le Marea, a bo a tlotla le ene. Ke barutwa ba le mmalwa fela ba ga Jesu ba ba ileng ba nna le tshono eo.​—Joh. 20:​11-18.

5. Re ka bontsha jang gore re lebogela se Jehofa le Jesu ba re diretseng sone?

5 Le rona re ka bontsha gore re lebogela se Jehofa le Jesu ba re diretseng sone ka go dirisa nako, maatla le dilo tse re nang le tsone go direla Jehofa. Ka sekai, re ka thusa go aga mafelo a a dirisediwang go obamela Jehofa le go a tlhokomela.

GO RATA JEHOFA LE JESU GO DIRA GORE RE RATE BATHO BA BANGWE

6. Ke eng fa re ka re thekololo e ntsheditswe mongwe le mongwe wa rona?

6 Fa re akanya kafa Jehofa le Jesu ba re ratang ka gone, seo se dira gore le rona re ba rate. (1 Joh. 4:​10, 19) Re ba rata le go feta fa re lemoga gore Jesu o swetse mongwe le mongwe wa rona. Moaposetoloi Paulo o ile a bontsha gore o itse seno le gore o lebogela se Jehofa le Jesu ba mo diretseng sone fa a ne a kwalela Bagalatia. O ne a re: ‘Morwa Modimo o ne a nthata a bo a nketshetsa setlhabelo ka botshelo jwa gagwe.’ (Bagal. 2:​20) E re ka Jesu a re swetse, Jehofa o go gogetse kwa go ene gore o nne tsala ya gagwe. (Joh. 6:​44) A ga o itumelele go itse gore Jehofa o bone sengwe se sentle mo go wena, le gore o ile a ntsha setlhabelo ka Morwawe gore o kgone go nna tsala ya gagwe? A seno ga se dire gore o rate Jehofa le Jesu le go feta? Re tshwanetse go ipotsa jaana, ‘Tsela e ke ratang Jehofa le Jesu ka yone e tla ntlhotlheletsa gore ke dire eng?’

Go rata Jehofa le Jesu go re tlhotlheletsa gorere rerele batho botlhe (Bona serapa 7)

7. Jaaka re bona mo setshwantshong, re ka bontsha jang gore re rata Jehofa le Jesu? (2 Bakorintha 5:​14, 15; 6:​1, 2)

7 Go rata Jehofa le Jesu go re tlhotlheletsa gore re rate batho ba bangwe. (Bala 2 Bakorintha 5:​14, 15; 6:​1, 2.) Re ka bontsha gore re rata Jehofa le Jesu ka go dira ka natla mo tirong ya go rera. Re rerela mongwe le mongwe. Ga re tlhaole batho ka gonne e le ba morafe kgotsa lotso lo longwe. Mo godimo ga moo, re rerela batho botlhe, ba ka tswa ba humile kgotsa ba humanegile, ba rutegile kgotsa ba sa rutega. Fa re dira jalo, re a bo re dira thato ya ga Jehofa, ka gonne o batla gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba nne le kitso ya boammaaruri.”​—1 Tim. 2:4.

8. Re ka bontsha jang gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi?

8 Gape re bontsha gore re rata Jehofa le Jesu, fa re rata bakaulengwe le bokgaitsadi. (1 Joh. 4:​21) Re ba thusa ka dilo tse ba di tlhokang, e bile re ba ema nôkeng fa ba na le mathata. Re a ba gomotsa fa ba tlhokafaletswe, re a ba etela fa ba lwala e bile re a ba kgothatsa fa ba kgobegile marapo. (2 Bakor. 1:​3-7; 1 Bathes. 5:​11, 14) Re nna re ba rapelela ka gonne re a itse gore “thapelo ya mosiami yo o rapelang ka tlhoafalo e na le maatla a magolo.”​—Jak. 5:16.

9. Re ka dira eng gape go bontsha gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi?

9 Gape re bontsha gore re rata bakaulengwe le bokgaitsadi fa re dira ka natla go tshedisana le bone ka kagiso. Re leka go etsa Jehofa ka go itshwarela ba bangwe. Jehofa o ile a letla gore Morwawe a re swele, ka jalo le rona re tshwanetse go itshwarela bakaulengwe le bokgaitsadi fa ba re diretse diphoso. Ga re batle go tshwana le motlhanka yo o bosula yo go buiwang ka ene mo setshwantshong sengwe sa ga Jesu. Motlhanka yoo, o ne a kolota mong wa gagwe madi a le mantsi tota, mme mong wa gagwe o ne a phimola sekoloto seo. Le fa go ntse jalo, ene o ne a palelwa ke go phimola sekoloto se se sa reng sepe sa motlhanka yo mongwe yo a neng a mo kolota. (Math. 18:​23-35) Fa e le gore o na le kgotlhang le mongwe mo phuthegong, dira kagiso le ene pele ga o ya Segopotsong. (Math. 5:​23, 24) Fa o dira jalo, o tla bo o bontsha gore o rata Jehofa le Jesu fela thata.

10-11. Bagolwane ba ka bontsha jang gore ba rata Jehofa le Jesu? (1 Petere 5:​1, 2)

10 Bagolwane ba ka bontsha jang gore ba rata Jehofa le Jesu? Ba ka dira jalo ka go tlhokomela dinku tsa ga Jesu. (Bala 1 Petere 5:​1, 2.) Ke se Jesu a ileng a laela moaposetoloi Petere gore a se dire. Petere a ka tswa a ne a batla go bontsha Jesu gore o a mo rata morago ga gore a mo itatole makgetlo a le mararo. Fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, o ne a botsa Petere a re: “Simone morwa Johane, a o a nthata?” Ga re belaele gore Petere o ne a ikemiseditse go dira sengwe le sengwe fela go bontsha gore o rata Mong wa gagwe. Jesu o ne a raya Petere a re: “Disa dinku tsa me tse dinnye.” (Joh. 21:​15-17) Petere o ne a dira fela jalo, o ne a tswelela a tlhokometse dinku tsa ga Jesu botshelo jotlhe jwa gagwe. Ka go dira jalo o ne a bontsha gore o rata Jesu.

11 Bagolwane, lo ka bontsha jang gore se Jesu a ileng a laela Petere gore a se dire se botlhokwa mo go lona ka paka ya Segopotso? Lo ka bontsha gore lo rata Jehofa le Jesu ka go dira maeto a bodisa le ka go tsaya matsapa go thusa ba ba sa tlholeng ba direla Jehofa gore ba boele kwa go ene. (Esek. 34:​11, 12) Gape lo ka kgothatsa batho ba ba ithutang Baebele le batho ba bangwe fela ba ba tlileng Segopotsong. Re batla gore ba ikutlwe ba amogelesegile ka gonne re na le tsholofelo ya gore kamoso, le bone e tla nna balatedi ba ga Jesu.

GO RATA KERESETE GO RE TLHOTLHELETSA GORE RE NNE PELOKGALE

12. Go akanya ka se Jesu a neng a se bua mo bosigong jwa pele a swa, go re thusa jang gore re nne pelokgale? (Johane 16:​32, 33)

12 Mo bosigong jwa pele Jesu a swa, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Mo lefatsheng lo tla nna le pitlagano, mme nnang pelokgale! Ke fentse lefatshe.” (Bala Johane 16:​32, 33.) Ke eng se se thusitseng Jesu go nna pelokgale fa baba ba gagwe ba ne ba mo tshosetsa le go nna a ikanyega go fitlha a swa? O ne a ikaegile ka Jehofa. E re ka Jesu a ne a itse gore balatedi ba gagwe ba tla lebana le diteko tse di tshwanang, o ne a kopa Jehofa gore a ba tlhokomele. (Joh. 17:​11) Goreng seno se dira gore re nne pelokgale? Ka gonne Jehofa o na le maatla a a fetang a baba ba rona. (1 Joh. 4:4) Jehofa o bona sengwe le sengwe. Re a itse gore fa re ikaega ka ene, o tla re thusa gore se re ka ra boifa le gore re nne pelokgale.

13. Josefa wa kwa Arimathea o ne a bontsha jang gore o pelokgale?

13 Akanya ka se se neng sa diragalela Josefa wa kwa Arimathea. Bajuda ba ne ba mo tlotla thata. E ne e le leloko la kgotlatshekelo e kgolo e e bidiwang Sanehederine. Le fa go ntse jalo fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, Josefa o ne a se pelokgale. Johane a re Josefa e ne e le “morutwa wa ga Jesu mme a fitlha seno ka gonne a ne a tshaba Bajuda.” (Joh. 19:​38) Le fa Josefa a ne a rata molaetsa wa Bogosi, o ne a sa batle gore batho ba bangwe ba itse gore o ne a dumela mo go Jesu. O ne a tshaba gore batho ba ne ba ka se tlhole ba mo tlotla fa ba ka itse gore ke morutwa wa ga Jesu. Le fa go ntse jalo, Baebele e re bolelela gore fa Jesu a sena go swa, Josefa “o ne a nna pelokgale mme a ya kwa go Pilato a bo a mo kopa mmele wa ga Jesu.” (Mar. 15:​42, 43) Josefa o ne a sa tlhole a tshaba go bolelela batho gore ke morutwa wa ga Jesu.

14. O tshwanetse go dira eng fa o iphitlhela o le mo maemong a a tshwanang le a ga Josefa?

14 A le wena o tle o nne mo maemong a a tshwanang le a ga Josefa? A fa o le kwa sekolong kgotsa kwa tirong o tle o tlhabiwe ke ditlhong go bolelela batho ba bangwe gore o Mosupi wa ga Jehofa? A o okaoka go nna mmoledi kgotsa go kolobediwa ka gonne o tshaba gore batho ba tla reng? O se ka wa letla seo gore se go thibele go dira se se siameng. Rapela Jehofa ka tlhoafalo. Mo kope gore a go neye bopelokgale jwa go dira thato ya gagwe. Fa o bona kafa Jehofa a arabang dithapelo tsa gago ka gone, o tla nna pelokgale le go feta.​—Isa. 41:​10, 13.

BOITUMELO BO RE TLHOTLHELETSA GORE RE TSWELELE RE DIRELA JEHOFA

15. Fa Jesu a sena go bonala kwa barutweng ba gagwe, tsela e ba neng ba itumetse ka yone e ne ya ba tlhotlheletsa gore ba dire eng? (Luke 24:​52, 53)

15 Barutwa ba ne ba utlwile botlhoko thata fa Jesu a ne a swa. Leka go akanya gore ba ne ba ikutlwa jang. Tsala ya bone e ba neng ba e rata thata e ne e tlhokafetse, e bile ba ne ba sa tlhole ba na le tsholofelo. (Luke 24:​17-21) Le fa go ntse jalo, fa Jesu a ne a bonala kwa go bone, o ne a ipha nako ya go ba thusa go tlhaloganya gore o diragatsa boporofeti jwa Baebele jang. Gape o ne a ba naya tiro ya botlhokwa e ba neng ba tshwanetse go e dira. (Luke 24:​26, 27, 45-48) Fa Jesu a tlhatlogela kwa legodimong malatsi a le 40 moragonyana, barutwa ba ne ba sa tlhole ba hutsafetse, go na le moo ba ne ba itumetse tota. Ba ne ba itumetse ka gonne ba ne ba itse gore Jesu o tsositswe, le gore o ne a tlile go ba thusa mo tirong e a neng a ba neile yone. Tsela e ba neng ba itumetse ka yone, e ne ya ba tlhotlheletsa gore ba tswelele ba baka Jehofa.​—Bala Luke 24:​52, 53; Dit. 5:42.

16. Re ka etsa barutwa ba ga Jesu jang?

16 Re ka itumelela go obamela Jehofa ka metlha, e seng ka paka ya Segopotso fela. Seo se tlhoka gore re dire gore dilo tse di direlwang Bogosi di tle pele mo matshelong a rona. Ka sekai, ba le bantsi ba fokoditse nako e ba e fetsang kwa tirong gore ba kgone go rera, go nna teng kwa dipokanong le go tshwara kobamelo ya lelapa ka metlha. Bangwe bone ba dirile tshwetso ya gore ba se ka ba nna le dilo tse batho ba bangwe ba akanyang gore di botlhokwa gore ba kgone go dira mo go oketsegileng mo phuthegong, kgotsa ba fudugele kwa lefelong le go nang le bakaulengwe le bokgaitsadi ba le mmalwa fela kwa go lone. Le fa gone re tlhoka go itshoka fa re ntse re direla Jehofa, o solofetsa gore o tla re segofatsa fa re dira gore dilo tse di direlwang Bogosi di tle pele mo matshelong a rona.​—Diane 10:​22; Math. 6:​32, 33.

Ka paka ya Segopotso, iphe nako ya go akanyetsa kwa teng ka se Jehofa le Jesu ba go diretseng sone (Bona serapa 17)

17. O ikemiseditse go dira eng ka paka ya Segopotso? (Bona setshwantsho.)

17 Re swegaswega pelo go nna teng kwa Segopotsong sa loso lwa ga Jesu ka Labobedi, April 4. Fa letsatsi leo le ise le fitlhe, iphe nako go akanya ka se Jesu a neng a se dira fa a ne a le mo lefatsheng le ka tsela e Jesu le Jehofa ba re bontshitseng ka yone gore ba a re rata. Nna o akantse ka dilo tseno pele ga Segopotso le morago ga sone. Ka sekai, iphe nako ya go bala le go akanyetsa kwa teng ka ditiragalo tse di mo tšhateng ya setlhogo se se reng “Beke ya Bofelo ya ga Jesu mo Lefatsheng.” O ka bona tšhate eno mo Dintlha Tse di Oketsegileng B12 mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha. Fa o ntse o bala ka botshelo jwa ga Jesu, batla ditemana tse di go tlhotlheletsang gore o lebogele se Jehofa le Jesu ba go diretseng sone, le tse di go tlhotlheletsang gore o nne le lorato, bopelokgale le boitumelo. Go tswa foo, leka go akanya ka dilo tse o ka di dirang go bontsha gore o a leboga. O ka tlhatswega pelo gore Jesu o tla itumelela sotlhe se o se dirang gore o mo gopole mo pakeng eno ya Segopotso.​—Tshen. 2:19.

PINA 17 “Ke a Batla”

a Ka paka ya Segopotso, re tshwanetse go akanyetsa kwa teng ka botshelo le loso lwa ga Jesu, gape re tshwanetse go akanyetsa kwa teng ka se Jesu le Rraagwe ba se dirileng go bontsha gore ba a re rata. Go dira jalo go tla re tlhotlheletsa gore re dire sengwe se se bontshang gore re lebogela se ba re diretseng sone. Mo setlhogong seno, re tla bona gore ke eng se re ka se dirang go bontsha gore re lebogela thekololo le gore re rata Jehofa le Jesu. Gape re tla bona gore ke eng se se ka re thusang gore re rate bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona, re nne pelokgale le gore re itumele fa re ntse re direla Jehofa.