Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

ITUMELELE BOTSHELO O SE NA SETERESE

O ka Kgona go Tshela o Sena Seterese

O ka Kgona go Tshela o Sena Seterese

Baebele e ka kgona go re thusa gore re se ka ra nna le seterese ka dilo tse di seng botlhokwa. Rona ka borona re ka se kgone go fedisa dilo tse di dirang gore re nne le seterese. Mme Mmopi wa rona ene a ka kgona. E bile o tlhomile mongwe gore a re thuse. Motho yoo ke Jesu Keresete. Go ise go ye kae, o tla direla batho botlhe dilo tse a neng a di dira fa a ne a le mo lefatsheng. Ka sekai:

JESU O TLA FODISA BATHO BA BA LWALANG.

“Ba mo tlisetsa botlhe ba ba mo seemong se se maswe [kgotsa ba ba lwalang] . . . , mme a ba alafa.”—MATHAIO 4:24.

JESU O TLA THUSA BATHO GORE BA NNE LE DIJO LE MATLO.

“[Ba ba tla busiwang ke Jesu] ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele.”—ISAIA 65:21, 22.

FA JESU A BUSA BATHO BA TLA TSHELA KA KAGISO E BILE BA SIRELETSEGILE.

“Mo metlheng ya gagwe mosiami o tla tlhoga, le letlotlo la kagiso go fitlha ngwedi e sa tlhole e le teng. Mme o tla nna le babusiwa go tswa lewatleng go ya lewatleng. . . . Baba ba gagwe ba tla latswa lorole.”—PESALEMA 72:7-9.

JESU O TLA NYELETSA TSHIAMOLOLO.

“O tla utlwela motho wa maemo a a kwa tlase le yo o humanegileng botlhoko, mme meya ya ba ba humanegileng o tla e boloka. O tla golola moya wa bone mo kgatelelong le mo tshiamololong.”—PESALEMA 72:13, 14.

GAPE JESU O TLA NYELETSA GO BOGA LE LOSO.

“Loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—TSHENOLO 21:4.