Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BAEBELE YA RENG?

Go Leboga

Go Leboga

Go leboga go na le melemo e mentsi thata—mo mmeleng, mo tlhaloganyong le mo maikutlong—mo e leng gore mongwe le mongwe o tshwanetse go go itlwaetsa.

Go leboga go go thusa jang go nna le botsogo jo bo siameng?

SE BA TSA KALAFI BA SE BUANG

Go ya ka setlhogo sengwe mo Harvard Mental Health Letter, “go leboga go amanngwa le go itumela thata. Go thusa batho gore ba nne le maikutlo a a siameng, ba nne le maitemogelo a a molemo, ba tokafatse botsogo jwa bone, ba lebane le mathata ka katlego le go nna le dikamano tse di molemo le ba bangwe.”

SE BAEBELE E SE BUANG

Baebele e re kgothaletsa go nna le moya wa go leboga. Moaposetoloi Paulo yo o neng a tlhoma sekao se se molemo mo kgannyeng eno, o ne a kwala jaana: “Itshupeng lo na le tebogo.” Ka sekai, o ne a ‘leboga Modimo a sa kgaotse’ ka gonne batho ba ne ba reetsa molaetsa wa gagwe. (Bakolosa 3:15; 1 Bathesalonika 2:13) Boitumelo jo bo nnelang ruri ga bo tlisiwe ke go nna fela o re ke a leboga mme bo tlisiwa ke go bontsha gore tota o a leboga. Mme seo se dira gore re se ka ra itseela kwa godimo, ra fufegela ba bangwe le go nna le sekgopi.

Mmopi wa rona o re tlhometse sekao se se molemo sa go bontsha gore re a leboga—tota le mo bathong ba maemo a a kwa tlase! Bahebera 6:10 ya re: “Modimo ga a tshiamololo mo a ka lebalang tiro ya lona le lorato lo lo le bontshitseng leina la gagwe.” Ruri Mmopi wa rona o tsaya go sa bontshe gore re a leboga e le tshiamololo.

“Ipeleng ka metlha. Lebogang ka ga dilo tsotlhe.”1 Bathesalonika 5:16, 18.

Go leboga go re thusa jang go dirisana le ba bangwe sentle?

SE BATHO BA SE LEMOGILENG

Fa re bontsha gore re leboga go tswa pelong—e ka ne re lebogela mpho, mafoko a a molemo kgotsa thuso—re dira gore motho yo o re diretseng selo seo a ikutlwe a le botlhokwa e bile a ratiwa. Tota le motho yo o sa mo itseng o itumela thata fa o mo lebogela go bo a go diretse selo se se molemo, jaaka go mmulela kgoro.

SE BAEBELE E SE BUANG

Jesu Keresete o ne a re: “Itlwaetseng go aba, mme batho ba tla lo abela. Ba tla tshela mo diropeng tsa lona selekanyo se se molemo, se papietswe, se tsikitleditswe e bile se penologa.” (Luke 6:38) Akanya ka se se ileng sa diragalela mosetsana mongwe yo o sa utlweng mo ditsebeng e bong Rose, yo o nnang kwa setlhaketlhakeng sa South Pacific se se bidiwang Vanuatu.

Rose o ne a ya dipokanong tsa Bokeresete tsa Basupi ba ga Jehofa mme ga a ka a solegelwa molemo thata ka gonne o ne a sa itse puo ya diatla e bile go ne go se na ope mo phuthegong yo o e itseng. Fa banyalani bangwe ba ba itseng puo ya diatla ba etetse phuthego eo, ba ne ba lemoga bothata joo mme ba simolola tlelase ya puo ya diatla. Rose o ne a leboga fela thata. O ne a re: “Ke itumelela go nna le ditsala tse dintsi jaana tse di nthatang.” Banyalani ba ba mo thusitseng ba itumelela thata go bona gore o a leboga le go bo a nna le seabe kwa dipokanong. Gape Rose o lebogela matsapa a ba bangwe ba a tsereng go ithuta puo ya diatla gore ba kgone go tlotla le ene.—Ditiro 20:35.

‘Yo o ntshang ditebogo e le setlhabelo sa gagwe ke ene yo o galaletsang Modimo.’Pesalema 50:23.

O ka dira jang gore o nne motho yo o lebogang?

SE BAEBELE E SE BUANG

Tsela e re ikutlwang ka yone e tsamaisana le se re se akanyang. Mokwadi mongwe wa Baebele e bong Dafide o ne bua jaana a rapela Modimo: ‘Ke tlhatlhanya ka tiro ya gago yotlhe; ke itlhophela go nna ke tlhatlhanya ka tiro ya diatla tsa gago.’ (Pesalema 143:5) Ruri Dafide o ne a akanyetsa dilo kwa teng. Se se mo thusitseng go nna motho yo o lebogang ke go nna a akanya ka ditsela tsa Modimo, e leng selo se a neng a se dira botshelo jwa gagwe jotlhe.—Pesalema 71:5, 17.

Baebele e re naya kgakololo eno e e molemo: ‘Dilo le fa e le dife tse di boammaaruri, tse di buiwang molemo, le fa e le molemo ofe o o gone le tse di tshwanelwang ke pako—tswelelang lo akanya ka dilo tseno.’ (Bafilipi 4:8) Mafoko a a reng “tswelelang lo akanya” a bontsha gore re tshwanetse go akanya thata, e leng selo se se tla re thusang go nna batho ba ba lebogang.

“Go tlhatlhanya ga pelo ya me e tla nna ga dilo tsa tlhaloganyo.”Pesalema 49:3.