Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

TSA MALOBA

Aristotle

Aristotle

DINGWAGA di feta 2 300 tse di fetileng, Aristotle o ne a nna le seabe se segolo mo dilong tsa saense le filosofi. Batho ba sa ntse ba kgatlhegela dikgopolo le dilo tse a ileng a di fitlhelela e bile ba ile ba di ranola le go di ithuta. Porofesa ya hisitori e bong James MacLachlan o ile a kwala jaana: “Mo dingwageng di ka nna 2 000 tse di fetileng, batho ba kwa dinageng tsa kwa Yuropa ba ne ba dumalana le dikgopolo tsa ga Aristotle tse di malebana le dilo tsa tlholego.” Dikgopolo dingwe tsa gagwe di ile tsa tlhotlheletsa dithuto tse di rutwang ke Bakatoliki, Baporotesetanta le Baiselamo.

O ne A Kgatlhegela Dilo Tse di Farologaneng

Aristotle o ne a kwala ka tsa botaki, thutodinaledi, thutatshelo, melao ya boitshwaro, dipuo, molao, makenete, filosofi, go tshikinyega, menate, poko, dipolotiki, thutotlhaloganyo, tsela ya go bua le thuto ya gore moya ga o swe. Mme o ne a tumile thata mo dilong tsa thutatshelo le thutotlhaloganyo.

Baithuti ba Bagerika ba bogologolo ba ne ba ikaegile thata ka bokgoni jwa bone jwa go lebelela dilo, go di akanyetsa le go di tlhalosa go ya ka tsela e ba di tlhaloganyang ka yone. Fa go tla mo dilong tse ba reng ke boammaaruri jo bo ka se kang jwa ganediwa, ba ne ba dumela gore fa ba akanyetsa boammaaruri joo ka kelotlhoko, ba ka kgona go dira ditshwetso tse di siameng.

Tsela eo ya go akanya e ne ya dira gore ba dire ditshwetso dingwe tse di utlwalang sentle, nngwe ya tsone ke ya gore lobopo lo na le tsela e lo rulagantsweng ka yone. Mme gone, bothata jo bogolo e ne e le gore, tsela e ba neng ba leba dilo ka yone e ne e ikaegile ka se ba se akanyang mme seo se ne sa dira gore banna ba ba botlhale, go akaretsa le Aristotle, ba fapoge. Ka sekai, ba ne ba dumela gore dipolanete le dinaledi di dikologa lefatshe. Ka nako eo, seo se ne se tsewa e le boammaaruri jo bo ka se kang jwa ganediwa. Buka ya The Closing of the Western Mind ya re: “Mabaka le maitemogelo ao, di ne tsa tlhomamisa thuto ya Bagerika ya gore lefatshe le dikologilwe ke lobopo.”

Kgopolo eo ya gore lefatshe le fa gare ga lobopo e ne e aname thata bogologolo ka gonne Kereke ya Katoliki e ile ya simolola go e dirisa le go e anamisa.

Katoliki e Dirisa Dithuto Tsa ga Aristotle

Bakeresete ba le bantsi ba metlha ya Yuropa wa bogologolo ba ne ba tsaya dithuto dingwe tsa ga Aristotle di le boammaaruri. Baithutabodumedi ba Katoliki ya Roma—segolobogolo Thomas Aquinas (mo e ka nnang ka 1224-1274)—ba ne ba tsenya dikgopolo tsa ga Aristotle mo dithutong tsa bone. Ke gone ka moo Katoliki e ileng ya ruta thuto ya ga Aristotle ya gore lefatshe ga le dikologe le gore le fa gare ga lobopo. Baeteledipele ba Porotesetanta, ba ba jaaka Calvin le Luther le bone ba ne ba ruta thuto eo ba re e tswa mo Baebeleng.—Bona lebokoso le le reng, “ Ba Ile ba Feteletsa Dikwalo.”

Dithuto dingwe tsa ga Aristotle di ne di tsewa di le boammaaruri

Mokwadi mongwe yo o bidiwang Charles Freeman a re: “Dithuto dingwe tsa Katoliki di ne di tshwana kgo le [dithuto tsa ga Aristotle].” Ke ka moo go tweng Aquinas o ne a “kolobetsa” Aristotle gore e nne Mokatoliki. Freeman a re boammaaruri ke gore, “Aquinas ke ene a neng a nna molatedi wa ga Aristotle.” Mme ka tsela nngwe, kereke ya Roma le yone e ne ya latela dithuto dingwe tsa ga Aristotle. Seo se ile sa dira gore moithutadinaledi le mankge wa dipalo wa kwa Italy e bong Galileo a tlhagelele fa pele ga Kgotlatshekelo e e Kgatlhanong le Bokgelogi le go patelediwa gore a busetse morago mafoko a gagwe a gore lefatshe le dikologa letsatsi. * Se se gakgamatsang ke gore, Aristotle o ile a lemoga gore kitso ya saense e nna e fetoga fa nako e ntse e ya mme seo se tlhoka gore e tokafadiwe. E kete dikereke le tsone di ka bo di ile tsa lemoga ntlha eo!

^ ser. 11 Bona setlhogo se se reng, “Galileo’s Clash With the Church,” mo makasineng wa Tsogang! ya April 22, 2003 ka Seesemane.