Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Gakologelwa Gore “Re Lorole”

O Gakologelwa Gore “Re Lorole”

Atamalana le Modimo

O Gakologelwa Gore “Re Lorole”

“K E NE ke sa dumele gore Jehofa a ka intshwarela ka botlalo, e bile ke ne ke akanya gore ke tla sikara molato ono botshelo jwa me jotlhe.” Ao ke mafoko a a kwadilweng ke mosadi mongwe wa Mokeresete malebana le diphoso tse a di dirileng mo nakong e e fetileng. Eleruri go nna ka segakolodi se se molato go tshwana le go nna o sikere morwalo o o bokete. Le fa go ntse jalo, Baebele e naya baleofi ba ba ikwatlhayang kgomotso ka tsela e e ka ritibatsang maikutlo a bone a go nna le segakolodi se se molato. Akanya ka mafoko a ga mopesalema Dafide a a mo go Pesalema 103:8-14.

Dafide o ne a itse gore “Jehofa o kutlwelobotlhoko” e bile ‘ga a nne a re latofatsa.’ (Temana 8-10) Fa Modimo a bona lebaka la go bontsha kutlwelobotlhoko, o dira jalo ka botlalo. Dafide, mmoki yo o setswerere mo puong, o dirisa dipapiso tse tharo tse di kgatlhang go tshwantsha kafa Modimo a re utlwelang botlhoko thata ka teng.

“Jaaka magodimo a le kwa godimo go feta lefatshe, bopelonomi jwa gagwe jwa lorato bo bogolo mo go ba ba mmoifang.” (Temana 11) Fa re leba kwa loaping bosigo, ga re kgone le go akanya bogolo jwa sekgala se se fa gare ga dinaledi le lefatshe. Ka go rialo, Dafide o re bontsha bogolo jwa kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa, e leng karolo ya lorato lwa gagwe lo lo ikanyegang. Kutlwelobotlhoko eno e bontshiwa ‘ba ba boifang’ Modimo—ba ba “tlotlang taolo ya gagwe ka boikokobetso le ka pelo yotlhe,” jaaka go tlhalosa mokanoki mongwe.

“Fela jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi, o beile ditlolo tsa rona kgakala le rona fela jalo.” (Temana 12) Ke bokgakala jo bo kae? Ke bokgakala jo re ka se kang ra bo akanya. Buka nngwe e e tlhalosang mafoko a Baebele ya re: “Fa o tsamaya ka leitlho la mogopolo o tsamaya sekgala se seleele kafa o ka kgonang ka teng o ya ntlheng ya botlhaba, o nna o ntse o katogela kgakala le bophirima.” Fano Dafide o re bolelela gore fa Modimo a itshwarela maleo a rona, o a isa kgakala thata le rona go feta kafa re ka akanyang ka gone.

“Fela jaaka rre a bontsha bomorwawe kutlwelobotlhoko, Jehofa o bontshitse ba ba mmoifang kutlwelobotlhoko.” (Temana 13) Dafide, yo le ene e neng e le rre, o ne a itse gore rre yo o lorato o ikutlwa jang. Rre yo o ntseng jalo o tlhotlheletsega go utlwela bana ba gagwe botlhoko, segolobogolo fa ba utlwa botlhoko. Dafide o re tlhomamisetsa gore Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong o utlwela bana ba gagwe ba ba mo lefatsheng botlhoko, segolobogolo fa dipelo tsa bone tse di ikwatlhayang di ‘phatlogile e bile di gateletswe’ ka ntlha ya maleo a ba a dirileng.—Pesalema 51:17.

Fa Dafide a sena go bolela dipapiso tseo tse tharo, o bontsha gore ke eng se se tlhotlheletsang Jehofa go bontsha batho ba ba sa itekanelang kutlwelobotlhoko: “O itse popego ya rona sentle, a gakologelwa gore re lorole.” (Temana 14) Jehofa o itse gore re bopilwe ka lorole, re na le makoa le mo re tlhaelang teng. E re ka Jehofa a gopola gore re baleofi, o “iketleeleditse go itshwarela”—fa fela re ikwatlhaya go tswa pelong.—Pesalema 86:5.

A se Dafide a se buang ka kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa se go ama pelo? Mosadi yo o nopotsweng kwa tshimologong o ne a ithuta gore Baebele ya reng ka go iketleeletsa ga Modimo go itshwarela, mme o ne a swetsa ka go re: “Ke gone ke utlwang gore jaanong tota nka atamalana le Jehofa e bile ke ikutlwa ke imologile.” * Ke ka ntlha yang fa o sa ithute mo go oketsegileng ka kutlwelobotlhoko ya Modimo le gore o ka e bona jang? Gongwe le wena o tla ikutlwa o imologile.

Dikgaolo tsa Baebele tse di ka Balwang ka August:

Pesalema 87-118

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Bona kgaolo 26, ya setlhogo se se reng “Modimo yo o ‘Iketleeleditseng go Itshwarela,’” mo bukeng ya Atamalana le Jehofa, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 13]

“Ke gone ke utlwang gore jaanong tota nka atamalana le Jehofa e bile ke ikutlwa ke imologile”