Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modimo o ba Tshwara Basadi ka Tlotlo le ka Seriti

Modimo o ba Tshwara Basadi ka Tlotlo le ka Seriti

FA Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha sentle gore Rraagwe yo o kwa legodimong o na le botho jo bo ntseng jang le gore o dira dilo jang. O ne a re: “Ga ke dire sepe ka bogame; mme ke bua dilo tseno fela jaaka Rara a nthutile . . . ka metlha ke dira dilo tse di mo itumedisang.” (Johane 8:28, 29; Bakolosa 1:15) Ka jalo, fa re ela tlhoko tsela e Jesu a neng a dirisana le basadi ka yone le tsela e a neng a ikutlwa ka yone ka bone, re kgona go tlhaloganya gore Modimo o leba basadi jang le gore o lebeletse gore ba tshwarwe jang.

Ba ikaegile ka se se kwadilweng mo Diefangeleng, bakanoki ba le bantsi ba lemogile gore tsela e Jesu a neng a leba basadi ka yone e ne e farologane thata le e ba neng ba lebiwa ka yone fa go ne go kwalwa Diefangele. E ne e farologane jang? Mme sa botlhokwa le go feta, a le gompieno dithuto tsa gagwe di sa ntse di ka naya basadi kgololesego e kgolwane?

Kafa Jesu a Neng a Tshwara Basadi ka Teng

Jesu ga a ka a ba tsaya e le batho fela ba ba tshwanelwang ke go dirisediwa tlhakanelodikobo. Go ya ka baeteledipele bangwe ba Bajuda, go kopana le batho ba bong bo sele go ne go ka dira gore motho a nne le keletso e e sa siamang. E re ka banna ba ne ba tshaba gore basadi ba tla ba gogela mo thaelong, basadi ba ne ba sa letlelelwe go bua le banna mo gare ga batho kgotsa go tsamaya ba sa ipipa ka sesiro mo sefatlhegong. Mme Jesu ene o ne a gakolola banna gore ba laole dikeletso tsa bone tsa nama mme ba tshware basadi ka seriti go na le go ba tlhaola.—Mathaio 5:28.

Gape Jesu o ne a re: “Le fa e le mang yo o tlhalang mosadi wa gagwe mme a nyala yo mongwe o mo direla boaka.” (Mareko 10:11, 12) Ka jalo o ne a kgala thuto e e neng e aname ya borabi e e neng e letla banna go tlhala basadi ba bone “ka lebaka le fa e ka nna la mofuta ofe.” (Mathaio 19:3, 9) Kgang ya gore monna o direla mosadi wa gagwe boaka e ne e le selo se sesha mo Bajudeng ba le bantsi. Borabi ba bone ba ne ba ruta gore monna ga a ka ke a direla mosadi wa gagwe boaka—mosadi ke ene fela a ka se ikanyegeng! Fela jaaka buka nngwe e e tlhalosang Baebele e bua, “fa Jesu a ne a bontsha gore monna le ene o na le boikarabelo jwa go itshwara sentle jaaka mosadi, o ne a tsholetsa boemo jwa basadi le go ba naya seriti.”

Tlhotlheletso e thuto ya gagwe e nang le yone gompieno: Mo phuthegong ya Bokeresete ya Basupi ba ga Jehofa, basadi ba bua le banna ka kgololesego kwa dipokanong. Le fa go ntse jalo, ga ba tlhoke go boifa gore banna ba tla ba leba ka tsela e e sa siamang kgotsa ba tla nna botsalano ka tsela e e feteletseng ka gonne banna ba Bakeresete ba tshwara ‘makgarebana jaaka bokgaitsadiabone ka boitsheko jotlhe.’1 Timotheo 5:2.

Jesu o ne a tsaya matsapa a go ruta basadi. Go farologana le batho ba ba neng ba tlhokomologa basadi jaaka borabi, Jesu ene o ne a ba ruta e bile a ba kgothaletsa go ntsha maikutlo a bone. Fa Jesu a ne a naya Marea tshiamelo ya go ipelela go rutwa, o ne a bontsha gore tiro ya mosadi ga e akaretse fela go tshwarega ka go tlhokomela dilo tsa lelapa. (Luke 10:38-42) Dikarabo tse di molemo tse mogoloe Marea e bong Maratha a neng a di naya Jesu morago ga loso lwa ga Lasaro, di bontsha gore le ene o ne a solegelwa molemo ke dithuto tsa gagwe.—Johane 11:21-27.

Jesu o ne a kgatlhegela se basadi ba se akanyang. Ka nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, basadi ba bantsi ba Bajuda ba ne ba dumela gore se se dirang gore motho a itumele ke fa a na le morwa yo o tlotlegang, gongwe e le moporofeti. Fa mongwe wa basadi a ne a tlhaeletsa a re: “Go itumela sebopelo se se neng sa go tshola!” Jesu o ne a dirisa tshono eo go mmolelela sengwe sa botlhokwa. (Luke 11:27, 28) Fa Jesu a ne a bua ka botlhokwa jwa go ikobela Modimo, o ne a mmontsha gore go na le sengwe se se botlhokwa go feta se ka tlwaelo go neng go lebeletswe gore basadi ba se dire.—Johane 8:32.

Tlhotlheletso e thuto ya gagwe e nang le yone gompieno: Barutisi mo phuthegong ya Bokeresete ba itumelela dikakgelo tsa basadi kwa dipokanong tsa phuthego. Ba tlotla basadi ba ba godileng semoyeng ka go bo ‘ba ruta se se molemo’ ka boitsholo jwa bone jo bo molemo fa ba na le batho ba bangwe kgotsa ba le bosi. (Tito 2:3) Gape ba ikaegile thata ka basadi gore ba bolele dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo phatlalatsa.—Pesalema 68:11; bona lebokose le le reng  “A Moaposetoloi Paulo O ne A Iletsa Basadi go Bua?” mo go tsebe 9.

Jesu o ne a amega ka basadi. Mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele, basetsana ba ne ba sa tseelwe kwa godimo jaaka basimane. Boikutlo joo bo ne bo bonala mo go Talmud, fa e re: “Go ipela yo bana ba gagwe e leng basimane mme go hutsegile yo bana ba gagwe e leng basetsana.” Batsadi bangwe ba ne ba leba ngwana wa mosetsana e le morwalo—ba ne ba tla tshwanelwa ke go mmatlela molekane le go mo ntshetsa bogadi e bile ba ne ba ka se ikaege ka ene gore a ba tlhokomele fa ba tsofala.

Jesu o ne a bontsha gore botshelo jwa ngwana yo mmotlana wa mosetsana bo ne bo le botlhokwa fela jaaka jwa wa mosimane—o ne a tsosa morwadia Jairo mme gape a tsosa morwa motlholagadi wa kwa Naine. (Mareko 5:35, 41, 42; Luke 7:11-15) Fa Jesu a sena go fodisa mosadi yo o neng a na le “moya wa bokoa ka dingwaga di le lesome le borobedi,” o ne a mmitsa “morwadia Aborahame” e leng mafoko a a neng a sa tlwaelega mo mekwalong ya Bajuda. (Luke 13:10-16) Fa a ne a dirisa mafoko ano a a bontshang tlotlo le bopelonomi, o ne a bontsha gore o tsaya mosadi yono a le botlhokwa jaaka batho ba bangwe le gore o bona tumelo ya gagwe e e nonofileng.—Luke 19:9; Bagalatia 3:7.

Tlhotlheletso e thuto ya gagwe e nang le yone gompieno: Seane sengwe sa Se-Asia sa re: “Go godisa ngwana wa mosetsana go tshwana le go nosetsa tshingwana ya moagelani.” Borre ba ba lorato ba Bakeresete ga ba a tshwanela go tlhotlhelediwa ke kgopolo eo, go na le moo ba tshwanetse go tlhokomela bana ba bone botlhe sentle, ba basimane le ba basetsana. Batsadi ba Bakeresete ba tlhomamisa gore bana ba bone botlhe ba bona thuto le kalafi e e siameng.

Jesu o ne a tshepa basadi. Mo dikgotlatshekelong tsa Bajuda, bosupi jwa mosadi bo ne bo tsewa bo tshwana le jwa lekgoba. Rahisitori mongwe wa lekgolo la ntlha la dingwaga e bong Josephus o ne a gakolola jaana: “A go se nne le bosupi bope jwa basadi jo bo amogelwang ka gonne ka tlholego basadi ga ba tseye dilo masisi e bile ba phadimoga fela.”

Go farologana le seo, Jesu o ne a tlhopha basadi gore ba neele bosupi jwa gore o ne a tsosiwa mo baswing. (Mathaio 28:1, 8-10) Le fa basadi bano ba ba ikanyegang e ne e le basupi ba ba boneng ka matlho fa Morena wa bone a bolawa le fa a ne a fitlhwa, baaposetoloi ba ne ba sa dumele se basadi bao ba neng ba se bua. (Mathaio 27:55, 56, 61; Luke 24:10, 11) Le fa go ntse jalo, fa Keresete yo o tsositsweng a ne a dira gore a bonwe pele ke basadi, o ne a bontsha gore o ba tsaya ba tshwanelwa ke go neela bosupi fela jaaka barutwa ba bangwe ba gagwe.—Ditiro 1:8, 14.

Tlhotlheletso e thuto ya gagwe e nang le yone gompieno: Mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa, banna ba na le maikarabelo a go bontsha gore ba amega ka basadi ka go reetsa fa basadi ba tlhalosa kafa ba lebang dilo ka gone. Banna ba ba nyetseng ba Bakeresete bone ba ‘naya basadi ba bone tlotlo’ ka go ba reetsa ka tlhoafalo.—1 Petere 3:7; Genesise 21:12.

Melaometheo ya Baebele e Dira Gore Basadi ba Itumele

Fa banna ba etsa Keresete, basadi ba newa tlotlo le kgololesego e Modimo a neng a batla gore ba nne le yone kwa tshimologong. (Genesise 1:27, 28) Go na le gore banna ba ba nyetseng ba Bakeresete ba eme nokeng kgopolo ya gore banna ba botoka go na le basadi, ba itetla go laolwa ke melaometheo ya Baebele e e dirang gore balekane ba bone ba itumele.—Baefeso 5:28, 29.

Fa Yelena a ne a simolola go ithuta Baebele, o ne a itshokela go bogisiwa ke monna wa gagwe a sa bue sepe ka gone. Monna wa gagwe o ne a goletse mo lefelong le go neng go dirisiwa dikgoka mo go lone, basadi ba ne ba tsewa ka dikgoka ke batho ba ba neng ba batla go ba nyala e bile go sotla basadi go ne go tlwaelegile. Yelena a re: “Se ke neng ka se ithuta mo Baebeleng se ne sa nnonotsha. Ke ne ke itse gore go na le motho yo o nthatang fela thata, yo o ntsayang ke le botlhokwa e bile a amega ka nna. Gape ke ne ke itse gore fa monna wa me a ne a ka ithuta Baebele, o ne a ka fetola tsela e a neng a ntshwara ka yone.” Kgabagare seo se ne sa direga fa monna wa gagwe a dumela go ithuta Baebele a bo a kolobediwa go nna Mosupi wa ga Jehofa. Yelena a re: “O ne a simolola go nna le boikgapo. Re ne ra ithuta go itshwarelana re gololesegile.” O konela ka goreng? “Ruri melaometheo ya Baebele e nthusitse gore ke ikutlwe ke le botlhokwa e bile ke sireletsegile mo lenyalong la me.”—Bakolosa 3:13, 18, 19.

Ga se Yelena fela yo o nnileng le maitemogelo a a ntseng jalo. Basadi ba le dimilione ba Bakeresete ba itumetse ka gonne bone le banna ba bone ba iketleeleditse go dirisa melaometheo ya Baebele mo manyalong a bone. Fa ba kopane le Bakeresete ka bone ba a tlotliwa, ba a gomodiwa e bile ba ikutlwa ba gololesegile.—Johane 13:34, 35.

Banna le basadi ba Bakeresete ba a lemoga gore e re ka e le baleofi e bile ba sa itekanela, ke karolo ya popo ya Modimo e e neng ya “bewa mo taolong e e se nang mosola.” Le fa go ntse jalo, fa ba nna le kamano e e molemo le Modimo wa bone yo o lorato le Rraabone e bong Jehofa, ba nna le tsholofelo ya go ‘gololwa mo go nneng batlhanka ba go bola’ mme ba itumelela “kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.” A bo eo e le tsholofelo e e itumedisang jang ne e banna le basadi ba tla e itumelelang ba le kafa tlase ga tlhokomelo ya Modimo!—Baroma 8:20, 21.