Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Makwalo a ne a romelwa jang mo metlheng ya ditiragalo tsa Baebele?

Makwalo a puso ya Peresia a a amanang le dilo tsa puso, a ne a isiwa kwa tirelong ya Puso ya go romela makwalo. Buka ya Baebele ya Esethere e tlhalosa kafa thulaganyo eno ya kwa Peresia e neng e dira ka gone: “[Moredekai] a kwala mo leineng la ga Kgosi Ahasueruse a ba a tshwaya ka palamonwana e e tshwayang ya kgosi le go romela makwalo a a kwadilweng a a romela ka seatla sa barongwa ba ba tsamayang ka dipitse, ba ba palamang dipitse tsa go tsamaisa melaetsa tse di dirisiwang mo tirelong ya segosi, bana ba dipitse tse di namagadi tse di lobelo.” (Esethere 8:10) Mmusomogolo wa Roma o ne o dirisa tirelo e e tshwanang go romela melaetsa ya botsamaisi le ya sesole.

Mekgwa e e ntseng jalo ya go romela melaetsa e ne e sa dirisediwe go romela makwalo a botho, a a jaaka a a neng a kwalwa ke moaposetoloi Paulo kgotsa ba bangwe. Fa motho a ne a humile o ne a ka romela lekwalo ka lekgoba. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ba ne ba a romela ka batho ba ba ba tlwaetseng kgotsa le e leng batho ba ba sa ba itseng ba ba neng ba ya kwa lefelong le makwalo a tshwanetseng go fitlha kwa go lone. Gantsi ba lelapa, ditsala, masole kgotsa bagwebi ke bone ba neng ba newa makwalo ao. Mme gone, selo sa botlhokwa thata e ne e le gore motho yo o neilweng lekwalo o ikanyega go le kae le gore a o ne a tla fetisa molaetsa fela jaaka o ntse. Baebele e bontsha gore Paulo o ne a naya Bakeresete mmogo le ene ba ba neng ba tsaya maeto, mangwe a makwalo a gagwe.—Baefeso 6:21, 22; Bakolosa 4:7.

Kgwebo e ne e dirwa jang kwa Iseraele wa bogologolo?

Ikonomi ya setšhaba e ne e ikaegile thata ka bolemi, go rua diphologolo le go ananya. Baebele e umaka marekisetso a kwa dikgorong tsa motse—“Kgoro ya Dinku,” “Kgoro ya Ditlhapi” le “Kgoro ya Dikgapetla tsa Letsopa.” (Nehemia 3:1, 3; Jeremia 19:2) Go lebega maina ano a ne a bontsha dilwana tse di neng di rekisiwa mo lefelong lengwe le lengwe. Gape Dikwalo di umaka ‘mmila wa babesi ba senkgwe’ wa kwa Jerusalema mmogo le dilwana tse dingwe tse dintsi tse di neng di rekisiwa.—Jeremia 37:21.

Ditlhwatlhwa di ne di tsamaya jang? Buka nngwe e e akgelang ka Baebele ya re: “Ditlhwatlhwa ga di bolo go nna di sa tlhomama ka makgolo a dingwaga e bile go thata go itse gore dilwana tse di rileng tse di neng di rekisiwa di ka tswa di ne di ja madi a kana kang ka nako e e rileng le kwa lefelong le le rileng.” Gape metswedi ya tshedimosetso ya bogologolo go akaretsa le Baebele, e bontsha gore le e leng mo nakong e e fetileng ditlhwatlhwa di ne di tlhatloga. Ka sekai, bogologolo go ne go tlwaelegile gore makgoba a rekisiwe. Josefa o ne a rekisiwa ka dipapetlana di le 20 tsa selefera tse di ka tswang e ne e le dishekele tse gongwe e neng e ka nna palogare e lekgoba le neng le rekisiwa ka yone mo lekgolong la bo18 la dingwaga B.C.E. (Genesise 37:28) Dingwaga di le makgolo a le mararo moragonyana, tlhwatlhwa eo e ne e le dishekele di le 30. (Ekesodo 21:32) Mo lekgolong la borobedi la dingwaga B.C.E., tlhwatlhwa ya teng e ne e le dishekele di le 50. (2 Dikgosi 15:20) Makgolo a le mabedi a dingwaga moragonyana, ka nako ya puso ya Peresia, tlhwatlhwa eo e ne e tlhatlogile thata go nna dishekele di le 90 kgotsa go feta. Go lebega go tlhatloga ga ditlhwatlhwa e sa bolo go nna bothata go tla go fitlha gompieno.