Fetela kwa tshedimosetsong

Ke Eng Fa lo Sa Dumele go Tshelwa Madi?

Ke Eng Fa lo Sa Dumele go Tshelwa Madi?

Dikgopolo tse di tlwaelegileng tse di seng boammaaruri

  Se se seng boammaaruri: Basupi ba ga Jehofa ga ba dumele gore dingaka di ka ba thusa e bile ga ba batle kalafi ya bongaka.

 Boammaaruri: Re batlela rona le ba malapa a rona kalafi e e molemo. Fa re lwala, re ya kwa dingakeng tse di kgonang go alafa le go dira dikaro di sa dirise madi. Re anaanela kgatelopele e e dirilweng mo go tsa kalafi. Tota e bile, gone jaanong kalafi e go sa tshelweng madi mo go yone e e filweng balwetse ba Basupi, e dirisiwa go thusa batho botlhe. Mo dinageng tse dintsi, jaanong molwetse mongwe le mongwe a ka itlhophela go tila dikotsi tse di tsamaisanang le go tshelwa madi, tse di jaaka malwetse a a fetisediwang ka madi, go sa dire sentle ga thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse le diphoso tse di dirwang ke batho.

 Se se seng boammaaruri: Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore tumelo e ka fodisa malwetse.

 Boammaaruri: Ga re fodise batho ka go ba rapelela.

 Se se seng boammaaruri: Go alafiwa kwantle ga go tshelwa madi go ja madi a mantsi.

 Boammaaruri: Dikalafi tse go sa tshelweng madi mo go tsone di tlhwatlhwatlase. a

 Se se seng boammaaruri: Basupi ba le bantsi go akaretsa le bana ba swa ngwaga le ngwaga ka gonne ba gana go tshelwa madi.

 Boammaaruri: Kgang eo ga e boammaaruri gotlhelele. Gangwe le gape dingaka di dira dikaro tse di raraaneng tse di jaaka karo ya pelo, karo ya marapo le go ntsha kgotsa go tsenya dirwe dingwe mo mmeleng wa motho ba sa mo tshele madi. b Gantsi balwetse, go akaretsa le bana, ba ba sa tshelweng madi ba fola fela jaaka ba ba tshelwang madi kgotsa le eleng ka bonako go ba feta. c Tota ga go ope yo o ka tlhomamisang gore molwetse o tla swa ka gonne a ganne go tshelwa madi kgotsa gore o tla tshela ka gonne a dumetse go a tshelwa.

Ke eng fa Basupi ba ga Jehofa ba sa dumele go tshelwa madi?

 Kgang eno e amana le tsa bodumedi e seng tsa bongaka. Tesetamente e Kgologolo le e Ntšha di re laela ka tsela e e utlwalang sentle gore re ithibe mo mading. (Genesise 9:4; Lefitiko 17:10; Duteronome 12:23; Ditiro 15:28, 29) Gape, Modimo o tsaya madi a emela botshelo. (Lefitiko 17:14) Ka jalo, re tila go tshelwa madi e se fela ka gonne re ikobela Modimo mme gape e le ka gonne re mo tlotla e re ka e le Moneibotshelo.

Dikgopolo tse di fetogang

Dikaro tse di raraaneng di ka dirwa ka katlego ntle le go tshela madi

 Nako nngwe, bontsi jwa ba tsa bongaka ba ne ba tsaya gore go alafa kwantle ga go tshela madi go ka nna kotsi e bile go tshwana le go ipolaya, mme bosheng jaana kgopolo eno e ne ya fetoga. Ka sekai, ka 2004, mo setlhogong se se gatisitsweng mo lokwalopakeng lwa thuto ya tsa kalafi go ne ga twe “bontsi jwa mekgwa e e diretsweng go alafa balwetse ba Basupi ba ga Jehofa e tla dirisiwa go alafa balwetse botlhe mo dingwageng tse di tlang.” d Ka 2010 setlhogo sengwe sa lokwalopaka lwa Heart, Lung and Circulation se ne sa re “‘dikaro tse go sa tshelweng madi mo go tsone’ ga di a tshwanela go dirwa JW [Jehovah’s Witnesses (Basupi ba ga Jehofa)] fela mme di tshwanetse go dirwa mo maemong otlhe.”

 Gone jaanong dingaka di le diketekete mo lefatsheng lotlhe di dirisa mekgwa e e thusang gore motho a se ka a latlhegelwa ke madi a mantsi fa di dira dikaro tse di raraaneng kwantle ga go tshela madi. Dikalafi tseno tse motho a sa tshelweng madi mo go tsone di dirisiwa le mo dinageng tse di tlhabologang e bile balwetse ba bantsi ba e seng Basupi ba ga Jehofa ba kopa gore di dirisiwe mo go bone fa ba alafiwa.

a Bona Transfusion and Apheresis Science, Bolumo 33, No. 3, ts. 349.

b Bona The Journal of Thoracic and Cardiovascular Surgery, Bolumo 134, No. 2, ts. 287-288; Texas Heart Institute Journal, Bolumo 38, No. 5, ts. 563; Basics of Blood Management, ts. 2; le Continuing Education in Anaesthesia, Critical Care & Pain, Bolumo 4, No. 2, ts. 39.

c Bona The Journal of Thoracic and Cardiovascular Surgery, Bolumo 89, No. 6, ts. 918; le Heart, Lung and Circulation, Bolumo 19, ts. 658.

d Continuing Education in Anaesthesia, Critical Care & Pain, Bolumo 4, No. 2, tsebe 39.