Fetela kwa tshedimosetsong

Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Keteke Malatsi a Botsalo?

Goreng Basupi ba ga Jehofa ba sa Keteke Malatsi a Botsalo?

 Basupi ba ga Jehofa ga ba keteke malatsi a botsalo ka gonne ba dumela gore ke meletlo e e sa itumediseng Modimo. Le fa Baebele e sa kgale meletlo ya matsalo ka tlhamalalo, e re thusa go tlhaloganya gore Modimo ene o ikutlwa jang ka meletlo e e ntseng jalo. Akanya ka dintlha tse nnè tse di latelang le melaometheo ya Baebele e e tsamaisanang le tsone.

  1.   Meletlo ya matsalo e simologile mo boheitaneng. Go ya ka buka ya Standard Dictionary of Folklore, Mythology, and Legend, meletlo eno e simologile mo kgopolong ya gore ka letsatsi la botsalo la motho “meya le ditlhotlheletso tse di bosula di kgona go tlhasela ba ba ketekang malatsi a bone a botsalo” le gore “go nna teng ga ditsala le go eletsana masego go sireletsa motho yo e leng letsatsi la gagwe la botsalo.” Buka ya The Lore of Birthdays ya re mo metlheng ya bogologolo direkoto tsa letsatsi la botsalo “di ne di dirisediwa go bolelela pele isagwe go dirisiwa dinaledi” go ya ka “masaitseweng a saense ya tepodinaledi.” Buka eno gape ene ya re “dikerese tsa malatsi a botsalo di na le maselamose a a kgethegileng a go eleletsa masego.”

     Le fa go ntse jalo, Baebele e kgala boselamose, boitseanape, go dirisana le meya kgotsa “dilo tse di tshwanang le tseno.” (Duteronome 18:14; Bagalatia 5:19-21) Lebaka lengwe la go bo Modimo a ne a kgala Bababelona ke ka gonne ba ne ba dira ditiro tsa boitseanape ka go dirisa tepodinaledi. (Isaia 47:11-15) Ga se gore Basupi ba ga Jehofa ba batlisisa ka dingwao tsotlhe mme fa go na le kgakololo e e theilweng mo Baebeleng malebana le ngwao nngwe ba e tsaya tsia.

  2.   Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa keteke malatsi a botsalo. Buka ya The World Book Encyclopedia ya re “ba ne ba leba go ketekwa ga letsatsi la botsalo e le ngwao ya boheitane.” Baebele e bontsha gore baaposetoloi le ba bangwe ba ba neng ba rutilwe ke Jesu ba ne ba tlhoma sekao se Bakeresete botlhe ba tshwanetseng go se latela.—2 Bathesalonika 3:6.

  3.   Tiragalo e le nngwe fela e Bakeresete ba tshwanetseng go nna le seabe mo go yone ke ya go gopola loso lwa ga Jesu. (Luke 22:17-20) Seno ga se gakgamatse ka gonne Baebele ya re ‘letsatsi la loso le botoka go feta letsatsi le motho a tsholwang ka lone.’ (Moreri 7:1) Fa Jesu a ne a tloga a swa, o ne a setse a itiretse leina le le molemo le Modimo mme seno se ne sa dira gore letsatsi la gagwe la loso le nne botlhokwa go feta le a tsetsweng ka lone.—Bahebera 1:4.

  4.   Baebele ga e bue ka motlhanka ope wa Modimo a keteka letsatsi la botsalo. Baebele e bua fela ka meletlo e e mebedi ya matsalo ya batho ba ba neng ba sa obamele Modimo. Le fa go ntse jalo, Baebele ga e bue sepe se se molemo ka meletlo eo.—Genesise 40:20-22; Mareko 6:21-29.

A bana ba Basupi ba utlwisiwa botlhoko ke go bo ba sa keteke malatsi a botsalo?

 Fela jaaka motsadi mongwe le mongwe, Basupi ba bontsha bana ba bone lorato nako nngwe le nngwe mo ngwageng, ba ba rekela dimpho le go itumelela dikokoano le bone. Basupi ba leka go latela sekao sa Modimo sa go direla bana ba gagwe dilo tse di molemo ka nako nngwe le nngwe. (Mathaio 7:11) Dikakgelo tse di latelang di bontsha gore bana ba Basupi ga ba utlwe botlhoko:

  •   “Go monate go amogela mpho o sa e lebelela.”—Tammy, wa dingwaga di le 12.

  •   “Le fa ke sa amogele dimpho ka letsatsi la me la botsalo, batsadi ba me ba nthekela dimpho ka nako nngwe le nngwe fela. Ke rata jalo ka gonne ke a bo ke sa solofela mpho epe.”—Gregory, wa dingwaga di le 11.

  •   “A o akanya gore metsotso e le lesome ya go ja dikuku le go opela ke one monate? O tle kwa gae fa o batla go bona gore monate ke eng!”—Eric, wa dingwaga di le 6.