Fetela kwa tshedimosetsong

Nka Bona Jang Bodumedi Jwa Boammaaruri?

Nka Bona Jang Bodumedi Jwa Boammaaruri?

Karabo ya Baebele

Baebele e bua jaana fa e farologanya batho ba ba mo bodumeding jwa boammaaruri le ba ba seng mo go jone: “Lo tla ba lemoga ka maungo a bone. Le ka motlha batho ga ba ke ba kgetla morara mo mitlweng kgotsa difeige mo mesitlwasitlwaneng, ga ke re?” (Mathaio 7:16) Fela jaaka o kgona go farologanya setlhare sa mofine le sa mitlwa go ya ka maungo a tsone, o ka kgona go farologanya bodumedi jwa boammaaruri le jwa maaka go ya ka ditiro tsa jone.

  1. Dithuto tsa bodumedi jwa boammaaruri di theilwe mo Baebeleng, e seng mo difilosofing tsa batho. (Johane 4:24; 17:17) Dithuto tseo di akaretsa go itse boammaaruri ka moya le ka tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. (Pesalema 37:29; Isaia 35:5, 6; Esekiele 18:4) Bodumedi jwa boammaaruri ga bo tshabe go senola dithuto tsa maaka.—Mathaio 15:9; 23:27, 28.

  2. Bodumedi jwa boammaaruri bo thusa batho go itse ka Modimo gape bo ba ruta leina la gagwe e leng Jehofa. (Pesalema 83:18; Isaia 42:8; Johane 17:3, 6) Ga bo rute gore Modimo o kgakala le batho kgotsa gore batho ga ba ka ke ba mo tlhaloganya, go na le moo, bo ruta gore Modimo o batla gore re nne le kamano le ene.—Jakobe 4:8.

  3. Bodumedi jwa boammaaruri bo ruta gore Modimo o dirisa Jesu Keresete go boloka batho. (Ditiro 4:10, 12) Maloko a jone a ikobela ditaelo tsa ga Jesu e bile a leka go etsa sekao sa gagwe.—Johane 13:15; 15:14.

  4. Bodumedi jwa boammaaruri bo ruta gore Bogosi Jwa Modimo ke jone fela bo ka rarabololang mathata a batho e bile maloko a jone a bolelela batho ka Bogosi joo.—Mathaio 10:7; 24:14.

  5. Bodumedi jwa boammaaruri bo kgothaletsa batho go rata ba bangwe ntle le go solofela sengwe mo go bone. (Johane 13:35) Bo ruta maloko a jone go tlotla batho botlhe gape bo amogela batho ba merafe yotlhe, ditso le dipuo tsotlhe. (Ditiro 10:34, 35) E re ka maloko a bodumedi jwa boammaaruri a rata batho, ga a nne le seabe mo dintweng.—Mika 4:3; 1 Johane 3:11, 12.

  6. Bodumedi jwa boammaaruri, ga bo na baruti ba ba duelwang e bile maloko a teng ga a bidiwe ka maina a bontshang gore a na le maemo a a kwa godimo mo kerekeng.—Mathaio 23:8-12; 1 Petere 5:2, 3.

  7. Bodumedi jwa boammaaruri ga bo nne le seabe mo dipolotiking. (Johane 17:16; 18:36) Le fa go ntse jalo, maloko a jone a tlotla puso e bile a ikobela melao ya yone go dumalana le temana e e reng: “Duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara [yo o emelang balaodi ba puso], mme Modimo dilo tsa Modimo.”—Mareko 12:17; Baroma 13:1, 2.

  8. Bodumedi jwa boammaaruri ga se kgang ya go obamela fela mme bo ama tsela e motho a tshelang ka yone. Maloko a jone a dirisa melaometheo ya Baebele mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo. (Baefeso 5:3-5; 1 Johane 3:18) Go dira jalo ga go ba ketefaletse botshelo, go na le moo, go dira gore ba itumelele go obamela “Modimo yo o itumetseng.”—1 Timotheo 1:11.

  9. Baebele ya re ba ba leng mo bodumeding jwa boammaaruri e tla nna batho ba se kae fela. (Mathaio 7:13, 14) Gantsi maloko a bodumedi jwa boammaaruri a tseelwa kwa tlase e bile a a bogisiwa ka ntlha ya go dira thato ya Modimo.—Mathaio 5:10-12.

Bodumedi ga bo atlholwe ka maikutlo

Ga o a tshwanela go tlhopha bodumedi go ya fela ka gore o ikutlwa jang ka jone. Baebele e ne ya porofeta gore batho ba tla “ikokoanyetsa barutisi [ba dikereke] gore ditsebe tsa bone di tsikitliwe.” (2 Timotheo 4:3) Go farologana le seo, Baebele e re kgothaletsa “mofuta wa kobamelo o o phepa le o o sa leswafalang go ya ka pono ya Modimo wa rona le Rara,” tota le fa bodumedi joo bo sa ratiwe ke ba le bantsi.—Jakobe 1:27; Johane 15:18, 19.