Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE E FETOLA MATSHELO A BATHO

“Batho ba le Bantsi Ba ne Ba Ntlhoile”

“Batho ba le Bantsi Ba ne Ba Ntlhoile”
  • NGWAGA O A TSHOTSWENG KA ONE: 1978

  • NAGA E A TSHOLETSWENG KWA GO YONE: CHILE

  • BOTSHELO JWA GAGWE JWA PELE: O NE A RATA DIKGOKA THATA

TSELA E KE NENG KE TSHELA KA YONE PELE:

Ke goletse kwa Santiago, motsemogolo wa Chile, mo lefelong le diokobatsi, digongwana le bokebekwa di neng di tlwaelegile gone. Fa ke ne ke le dingwaga di le tlhano, rre o ne a bolawa. Morago ga foo, mmè o ne a nna le monna mongwe yo o neng a le setlhogo. Monna yoo o ne a re betsa ka metlha. Ke sa ntse ke tshwenyega mo maikutlong ka ntlha ya se se diragetseng mo dingwageng tseo.

Fa ke ntse ke gola, ditlhotlheletso tse di sa siamang di ne tsa dira gore ke nne dikgoka ka tsela e e feteletseng. Ke ne ke reetsa mmino wa heavy metal, ke nwa bobe e bile gangwe le gape ke dirisa diokobatsi. Ka metlha ke ne ke lwa mo mebileng le batho ba ba rekisang diokobatsi, ba gantsi ba neng ba batla go mpolaya. Mo lekgetlhong lengwe, segongwana se se lwang le sa rona se ne sa hira monna mongwe gore a mpolaye mme le fa a ne a ntlhaba ke ne ka falola. Mo lekgetlhong le lengwe, setlhopha sa barekisi ba diokobatsi se ne sa baya tlhobolo mo tlhogong ya me mme sa leka go nkaletsa.

Ka 1996, ke ne ka ratana le mosadi mongwe yo o bidiwang Carolina mme ka 1998 re ne ra nyalana. Fa morwarona wa ntlha a sena go tsholwa, ke ne ke tshoga gore bogale jwa me bo ne bo tla dira gore ke nne jaaka rre wa me wa bobedi, ke sotle ba lelapa la me. Ka jalo, ke ne ka batla thuso kwa setheong se se thusang batho go fola. Ke ne ka bona kalafi mme ga go a ka ga thusa. Ke ne ka tswelela ke galefisiwa ke sengwe le sengwe fela; ke ne ke sa kgone go ikgapa. Ke ne ka leka go ipolaya, ke akanya gore go dira jalo go tla nthusa go tlogela go utlwisa ba lelapa la me botlhoko, mme seo e ne e le tharabololo e e sa siamang. Se se itumedisang ke gore ga ke a ka ka atlega.

Ke ne ke le molatolamodimo ka dingwaga di le dintsi mme ke ne ke batla go dumela mo Modimong. Ka jalo, ke ne ka ya kwa bodumeding jwa boefangele ka nakwana. Mme ka nako eo, mosadi wa me o ne a ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ke tlhoile Basupi mme gantsi ke ne ke ba roga. Le fa go ntse jalo, gantsi ba ne ba le kagisano, e leng selo se ke neng ke sa se lebelela.

Ka letsatsi lengwe, Carolina o ne a nkopa gore ke lebelele Pesalema 83:18 mo Baebeleng ya me. Temana eo e ne e bontsha sentle gore leina la Modimo ke Jehofa. Ke ne ka gakgamala fa  ke lemoga gore mo bodumeding jwa me ke ne ke ithutile ka modimo mme e seng ka Jehofa. Mo masimologong a ngwaga wa 2000, le nna ke ne ka simolola go ithuta Baebele le Basupi.

KAFA BAEBELE E FETOTSENG BOTSHELO JWA ME KA GONE:

Fa ke ntse ke gatela pele, ke ne ka gomodiwa ke go ithuta gore Jehofa ke Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o itshwarelang. Ka sekai, mo go Ekesodo 34:6, 7, Baebele e tlhalosa Jehofa e le “Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle, yo o bonya go galefa le yo o nang le bopelonomi jo bogolo jwa lorato le boammaaruri, yo o bolokelang dikete bopelonomi jwa lorato, yo o itshwarelang phoso le tlolo le boleo.”

Ke ne ka gomodiwa ke go ithuta gore Jehofa ke Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o itshwarelang

Le fa go ntse jalo, go ne go se motlhofo go dirisa se ke se ithutang. Ke ne ke tlhomamisegile gore nka se kgone go laola bogale jwa me. Nako le nako fa ke palelwa, Carolina o ne a nkgothatsa ka lorato. O ne a nkgopotsa gore Jehofa o bona maiteko a ke a dirang. Go nkema nokeng ga gagwe go ne ga nnonotsha gore ke tswelele pele go itumedisa Jehofa, tota le fa gantsi ke ne ke ikutlwa ke se kitla ke atlega.

Ka letsatsi lengwe, Alejandro, yo o neng a ithuta le nna, o ne a nkopa gore ke bale Bagalatia 5:22, 23. Ditemana tseo tsa re maungo a moya wa Modimo ke “lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo. Alenjandro o ne a tlhalosa gore go leka go nna le dinonofo tseo ga go a ikaega ka maatla a me mme go ikaegile ka moya o o boitshepo wa Modimo. Boammaaruri joo bo ile jwa fetola tsela e ke lebang dilo ka yone gotlhelele!

Moragonyana, ke ne ka ya kwa kopanong e kgolo ya Basupi ba ga Jehofa. Tsela e dilo di neng di rulagane ka yone, bophepa le bokaulengwe jo ke bo boneng koo bo ile jwa ntlhatswa pelo gore ke bone bodumedi jwa boammaaruri. (Johane 13:34, 35) Ke ne ka kolobediwa ka Tlhakole 2001.

KAFA KE SOLEGETSWENG MOLEMO KA GONE:

Jehofa o ne a dira gore ke se ka ka tlhola ke nna monna yo o ratang dikgoka mme ke nne monna yo o ratang kagiso. O ile a nkentsha mo thankgeng e ke neng ke le mo go yone. Batho ba le bantsi ba ne ba ntlhoile mme ga ke ba tshwaye phoso. Le fa go ntse jalo, gone jaanong, ke itumelela go direla Jehofa ka kagiso le mosadi wa me le bomorwaarona ba babedi.

Ba losika le batho ba pele e neng e le ditsala tsa me ba gakgamadiwa ke go bona kafa ke fetogileng ka teng. Ka ntlha ya seo, ba le mmalwa ba bone ba bontshitse kgatlhego mo boammaaruring jwa Baebele. Gape ke ile ka nna le tshiamelo ya go thusa ba bangwe gore ba itse Jehofa. A bo e nnile boitumelo jang ne go bona le bone ba fetola matshelo a bone!