Fetela kwa tshedimosetsong

A go Betšha go Phoso?

A go Betšha go Phoso?

Karabo ya Baebele

Tota le fa Baebele e sa bue thata ka go betšha, melaometheo ya Baebele e re bontsha gore Modimo o leba go betšha go le phoso.​—Baefeso 5:17. *

  • Go betšha go tlhotlhelediwa ke bopelotshetlha, e leng sengwe se Modimo a se tlhoileng. (1 Bakorintha 6:9, 10; Baefeso 5:3, 5) Batho ba ba betšhang ba solofela go amogela madi ka go latlhegelwa ga ba bangwe mme Baebele e kgala go eletsa dithoto tsa batho ba bangwe.—Ekesodo 20:17; Baroma 7:7; 13:9, 10.

  • Go betšha, tota le fa e le ka madi a a kwa tlase, go ka tsosa lorato lwa rata madi.—1 Timotheo 6:9, 10.

  • Gantsi batho ba ba betšhang ba ikaega ka bodimona kgotsa ka go nna lesego. Go na le moo, ditumelo tseno ke tsela nngwe ya go obamela medingwana, e leng sengwe se se kgatlhanong le kobamelo ya Modimo.—Isaia 65:11.

  • Baebele e kgothaletsa gore batho ba dire ka natla go na le gore ba nne le keletso ya go nna le sengwe se motho a sa se berekelang. (Moreri 2:24; Baefeso 4:28) Batho ba ba latelang se Baebele e se rotloetsang ba kgona go ja “dijo tse bone ka bobone ba di diretseng.”2 Bathesalonika 3:10, 12.

  • Go betšha go ka tsosa moya wa go gaisana o o kgatlhanong le se Baebele e se buang.—Bagalatia 5:26.

^ ser. 1 Mo Baebeleng, go betšha go umakiwa fela ka tlhamalalo ka nako ya fa masole a Roma a tshela bola kgotsa a betšha ka diaparo tsa ga Jesu.​—Mathaio 27:35; Johane 19:23, 24.